Ditshedi tsa naga tsa lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Ditshedi tsa naga tsa lefatshe la Botswana di akaretsa diphologolo le dimela tsa lefatshe le. Sephatlho se sentsi sa lefatshe la Botswana se apesitswe ke ditlhare tse di phatlaletseng, go na le ditlhatshana kwa borwabophirima kwa mafelong a a omeletseng,go bo go nna le ditlhare le bojang mo mafelong a a emang metsi.[1] Le kwa go leng mogote jaaka kwa sekakeng sa Kalahari, mefuta e farologaneng ya dimela e a tshela, lefatshe le le na le mefuta ya dimela e feta dikete tse pedi le makgolo a matlhano, le mefuta ya ditlhare e le makgolo a marataro le masome a matlhano.[2] Dimela le maungo a naga le tsone di botlhokwa thata, e bile ke dijo, melemo le leokwane mo bathong ba ba tshelelang kwa sekakeng.[3]

Go na le mafelo a le mararo a tshireletso dihphologolo tsa naga e le a puso, go bo go nna le a le supa a a ikemetseng. A puso ke Chobe National Park, Nxai Pan le Makgadikgadi National Park le Kgalagadi Transfrontier Park. A a supa a a ikemetseng ke Central Game Reserve, Gaborone Game Reserve, Khutse Game Reserve, Mannyelanong Game Reserve, Maun Game Reserve le Moremi Game Reserve. Fa godimo ga foo, mafelo a mangwe a mannye a teng.[4]

Popego[fetola | Fetola Motswedi]

Sekaka sa Kalahari Desert, se se phuthulogileng mo molelwaneng wa bophirima se phuthulogetse mo mafatsheng a Aforika Borwa, Namibia le Angola, se apesitse lefelo la masome a ferabobedi mo lekgolong la lefatshe la Botswana.[5] Le apesitswe ke ditlhatshana, ditlhare, bojang le dikgwa tse di mitlwa. Kwa ntle ga dithaba le mekgatsha e e phatlaletseng, dithotha tsa metlhaba tse di kwa borwa di na le mekgatsha e e tlalang metsi ka nako ya dipula, e e tshegetsang ditshedi ka dikotla le bojang jwa yone.[5]

Mafelo a tlhokomelo ditshedi[fetola | Fetola Motswedi]

Chobe National Park[fetola | Fetola Motswedi]

Chobe National Park e e dikaganyeditsweng ke mafelo a le mane a tikologo, e itsege ka go nna le diphologolo tse dintsi mo kgaolong ya Aforika. E simolotse e le lefelo le le ikemetseng ka ngwaga wa 1960 mme ya nna lefelo le le mo tlhokomelong ya puso ka ngwaga wa 1967. Mokgatsha wa Chobe River o mo bokonebotlhaba jwa lefelo le, o na le dikgwa tse di kitlaneng le dipoa tse ditala. Marshland of Savuti e mo bophirima. Hinterlad e fa gare ga marshland of Savuti kwa bophirima le Linyati Swamps kwa bokonebophirima. Basarwa [6] ke bone batho ba ntlha go thibelela mo lefelong leo ebile e le batsomi. Lefelo le le na le ditlou tse dintsi go feta mafelo a mangwe mo Botswana. Mebele ya ditlou tsa lefelo le ke e metona go gaisa tse dingwe, mme dinaka tsa tsone di dikhutshwane di bo di robega motlhofo. Dingwe diphologolo tse di fitlhelwang fa kwa ntle ga ditau,bophokoje,diphiri,dintsa tsa naga le matlotse ke bo magogwe, dikgokong, ditholo,dinare le dikukama.[7] Fa godimo ga foo mefuta ya dinonyane e feta makgolo a matlhano e kwadisitswe kwa lefelong leo.[8]

Kgalagadi Transfrontier Park[fetola | Fetola Motswedi]

Kgalagadi Transfrontier Park (KTP), ke lefelo la tlhokomelo diphologo le le fa gare ga Botswana le Aforika Borwa, ke lone lefelo lantlha go bewa kwa borwa jwa sekka sa Kalahari ka ngwaga wa 2000 kgwedi ya Motsheganong. Lefatshe la Botswana le tlhokomela bontlha jwa selekanyo sa 28,400 skm fa la Aforika Borwa le tlhokomela 9,600 skm.

Makgadikgadi and Nxai National Park[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la tlhokomelo diphologolo la Makgadikgadi le Nxai Park le apesitse 7500skm, le simolodisetswe ka ngwaga wa 1970. Le tlwaelesegile ka gore dihologolo di bo di fudugela kwa go lone ka jalo se sa baka go kopanngwa ga mafelo a mabedi ao go nna lefelo le lengwe. Le na le mekgatsha ya Ntwetwe,Makgadikgadi,Nxai,Baines'Baobabs le Kudiakam.[9]

Moremi Game Reserve[fetola | Fetola Motswedi]

Moremi Game Reserve e kwa botlhaba jwa letsha la Okavango, lefelo le le biditswe jaaka kgosi Moremi wa BaTawana. Lefelo le ke le le ikemetseng e seng le le mo tlhokomelong ya puso. Se se ne se raya goe Basarwa ba ba neng ba nna mo go lone ba letlelelwa go tswelela ba nna mo go lone.

Khutse Game Reserve[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la Khutse Game Reserve le simolotswe ka ngwaga wa 1971, le apesitse 2500 skm wa lefelo la Bakwena. Ga le na metswedi ya metsi e mentsi, ka jalo ga le na diphologolo tse dintsi. Diphologolo tse di nnang mo go lone di ne di tshela ka bojang jo bo tlhogang mo mekgatsheng se sa ngoka dibatana.[10]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Behnke,Alison (1 February 2009)."Botswana in Pictures".Twenty-First Century Books.p 14. ISBN 978-1-57505-953-2.Retrieved 3 April 2011. etrieved R
  2. "Botswana:Plants".Kidcyber.com.Retrieved 3 April 2011.
  3. Motlhanka, D.M.T., P. Motlhanka and T. Selebatso."Edible Indigenous Wild Fruit Plants of Eastern Botswana" (PDF).Gaborone: Department of Basic Sciences, Botswana College of Agriculture, International Journal of Poultry Science..Retrieved 3 April 2011.
  4. Main,Michael.(31 October 2001)."African adventurer's guide to Botswana".Struik.PP 206–.ISBN 978-1-86872-576-2.Retrieved 5 April 2011.
  5. 5.0 5.1 "Geographical Info".(2006).Official website of the Botswana Tourism Organisation.Retrieved 4 April 2011.
  6. Barnard,Alan.(2007)."Anthropology and the bushman".Berg.Oxford.ISBN 978-1-84788-330-8. OCLC 560526388.
  7. "Chobe National Park".(2006).Official website of the Botswana Tourism Organisation.Retrieved 4 April 2011.
  8. "Chobe National Park".(2016).Chobe.com.Retrieved 10 July 2017.
  9. "Makgadikgadi and Nxai Pan National Park".(2006).Official website of the Botswana Tourism Organisation.Retrieved 4 April 2011.
  10. "Khutse Game Reserve".(2006).Official website of the Botswana Tourism Organisation.Retrieved 4 April 2011.