Letamo la Letsibogo

Go tswa ko Wikipedia

Letsibogo Dam ke letamo le le kwa molapong wa Motloutse mo Botswana, maikaelelo a go aga letamo le e ne e le gore le ise metsi kwa toropong ya madirelo ya Selebi-Phikwe le mafelo a a mabapi, le bokgoni jwa go le dirisa go nosetsa.[1] Letamo le jaanong le isa metsi kwa toropokgolo Gaborone le metse e metona ka phaephe ya boleele jwa dikilomitara tse di makgolo a mane.[2]

Lefelo le Seemo sa bosa[fetola | Fetola Motswedi]

Letamo le agilwe go bapa le motse wa Mmadinare.[3] Lefelo le ga le itemogele dipula tse dintsi fa e se ka dikgwedi tsa Ngwanatsele go ema ka ya Mopitlo. Ka ngwaga wa 2012 kgwedi ya Phatwe, letamo le ne le na le metsi a selekanyo sa boraro mo lesomeng, se sa tsisa matshwenyego a gore go tla nna le tlhaelo ya metsi mo dikgaolong tsa Palapye, Mahalapye le Gaborone. Bangwe ba ne ba re seemo se se bakiwa ke bonya mo go baakanyeng diphaephe tse di dutlang.

Ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Letamo le ne le agetswe lephata la ditswammung,kgotetso le metsi ke ba Arup, ba ba neng ba eteletse pele kago ya go baya metsi. Le boteng jwa dimilione di le lekgolo jwa di metara. Le berekisiwa ke lephata la metsi la Water Utilities Corporation. Letamo le ke bontlha bongwe jwa thulaganyo ya go isa metsi kwa borwa jwa lefatshe go tswa kwa bokone la North-South Carrier Water Project, le le akaretsang matamo a mangwe, ditsamaiso tsa go isa metsi le tsa go phepafatsa metsi. E amantswe le Gaborone ka phaepe ya boleele jwa dikolomitara di le makgolo a mane. Lenaneo lantlha la North-South Carrier le dirisitse madi a ka nnang kana ka dimilione di le makgolo a mararo le masome a matlhano, mme ya simolodisiwa ka ngwaga wa 2000.

Tiriso ya lekadiba[fetola | Fetola Motswedi]

Le ntswa letamo le ne le agetswe go boloka metsi, le tlhabololelwa gore bajanala ba kgone go dira metshameko ya metsi le go tshwara ditlhapi. Ka ngwaga wa 2011, puso e ne ya bolela fa e na le mananeo a go tlhabolola dikago mo letamong le, go akaretsa ditsela, metsi a a nowang le kgopo ya metsi a a leswe, le go aga lotshitshi llwa ntlha o lo itiretsweng mo Botswana kwa bokone jwa letamo. Puso e ne e na le lenaneo la go aga lefelo la boitapoloso la dinaledi tse tlhano le lefelo la tlhokomelo diphologo.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. ARUP."Letsibogo Dam".Retrieved 2012-09-17.
  2. Bevanger,Kjetil.(December 1994)."The North-South Carriér Water Project in Botswana".Trondheim.ISBN 82-426-0531-9.Retrieved 2012-09-17.
  3. "Corporate Profile".WUC.Retrieved 2012-09-20.
  4. "Enjoy Sailing, Water Sports And Fishing At The Letsibogo Dam".Accommodation Direct.Retrieved 2012-09-17.