Selebi-Phikwe

Go tswa ko Wikipedia
Selibe-Phikwe
City
Selibe-Phikwe is located in Botswana
Selibe-Phikwe
Selibe-Phikwe
Coordinates: 21°58′33″S 27°50′24″E / 21.97583°S 27.84000°E / -21.97583; 27.84000Coordinates: 21°58′33″S 27°50′24″E / 21.97583°S 27.84000°E / -21.97583; 27.84000
Country Botswana
Elevation
878 m (2,881 ft)
Population
42,488

Selebi-Phikwe (go kwala gape gotwe Selibe Phikwe) ke toropo ya moepo e e kwa kgaolong ya legare la lefatshe la Botswana. E ne e na le palo ya batho ba le dikete tse di masome mane le bobedi, makgolo a mane le masome a robabobedi le metso e robabobedi ka ngwaga wa 2022. Toropo e ke kgaolo e nang le baemedi ba puso ba ba mo go yone e seng ba kgaolo ya legare.[1]

Moepo[fetola | Fetola Motswedi]

Go epiwa ga nickel go simolotse ka ngwaga wa 1973 e le yone tiro ya konokono fa e sale jalo.[2] Lefelo la moepo le na le moepo le kwa go nyerolosiwang ditshipi teng. Go epiwa kwa boteng ga lefatshe. Pele go ne go na le mafelo a mabedi a mannye a bidiwa Selibe le Phikwe, a a neng a le fa godimo ga kopore le nikele mme go sa itsewe. Morago ga gore go upololwe ditswammung tsa lefelo le ka ngwaga wa 1960, moepo le toropo di ne tsa agiwa mo gare ga lefelo le, mme ga kopanngwa maina a mabedi a go bitsa lefelo Selibe-Phikwe.

Moepo wa BCL o go neng go epiwa go bo go nyerololwa kopore le nikele mo mekgatsheng ya one, e ne e le one o o neng o hira bontsi jwa batho. Lefuti le go ne go epiwa mo go lone gompieno ga le dirisiwe.

BCL e ne e ikaeletse go tsewelela e breka go fitlhelela ka ngwaga wa 2010 le go fitlha ka wa 2013. Moepo o ne wa seka wa tlhola o dirisiwa ka Lwetse ngwaga wa 2016, se sa baka gore dikete tsa batho ba sale ba sena ditiro.[3]

Puso le mafaratlhatlha[fetola | Fetola Motswedi]

The Botswana Prison Service (BPS) operates the Selebi-Phikwe Prison.[4]

Lekgotla la dikgolegelo la Botswana Prison Service ke lone le laolang kgolegelo ya Selibe-Phikwe.

Madirelo a Phikwe Industrial Area a na le dikago tse madirelo le dikgwebo di a dirisang go rotloetsa moepo. Dikompone tsa kago di akaretsa Watson,GSP, SP Electricals, Britannia Backers, George Backers le Change and CO.

Eastern Military Garrison ya ba sesole sa Botswana le yone e kwa toropong e.[5]

Kgotetso[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la kgothetso le le dirisang magala le ne la agiwa le moepo o gore go kgone gore go nne le motlakase o o lekaneng ditirelo tsa moepo le mafelo a a gautshwane. Go fitlha ka dingwaga tsa 1980 di ya fifing, lefelo le e ne e le lone fela la motlakase mo Botswana. Le ne la tswalwa dingwaga tse di fitileng fa Morupule Power Station e ne e simolola go ntsha motlakase. Letlhoko la motlakase le ne le kgonwa ka go reka motlakase kwa lefatseng la Aforika Borwa. Gompieno ka lefatshe la Aforika Borwa le itemogela tlhaelo ya motlakase, lefatshe la Botswana le tshenngwa ke tlhaelo ya motlakase.

Ka ngwaga wa 2010, kompone e e ikemetseng ka nosi ya ENERGY POINT (PTY) LTD, e rotloediwa ke mmeeletsi go tswa kwa lefatsheng la India, e ne ya simolola go dira UPS,Inverters le surge protectors. Mme mmeeletsi o ne a seka a kgona go tswelela ka tiro e ka go bo a ne a sa sala tsamaiso ya BEDI morago le go retelelwa ga puso go ntsha tse di tlhokafalang jaaka lefelo la madirelo le tse dingwe. Le fa go ntse jalo, kompone e ne ya nna le seabe se setona ya tlogela motlhala mo lefelong leo ka e file banni le dikgwebo motlakase o o sekeng o kgaoga.

Bontle le bojanala[fetola | Fetola Motswedi]

Toropo e na le mafelo a marekisetso a le mmalwa jaaka la First Shopping, LESEDI mall o o nang le banka ya ABC le Barclays Extension Counter le Phikwe Square. Go na le dihotele di le tlhano mo toropong (Hotel Stonehouse, Hotel Selibe, Cresta Bosele, Syringa Lodge le Travel Inn), le matlo a phiriso a le mmalwa. Phokoje Bush Lodge e dikilomitara di ka nna supa go tswa mo toropong. Toropo e e na le lefelo la maemelo difofane le le potlana le le berekang fela motshegare mme le sena fa go tshelwang leokwane teng. E na le sekolo sa tiro ya diatla. Go baakanyediwa gore go nne le sekolo sa botaki.

Toropo e e mo tseleng ya bojanala go tswa Aforika Borwa go ya mafelong a tlwaelesegileng ka go etelwa a Okavango le Chobe. Go na le bokgoni jwa go lebelela dinonyane le go tshwara ditlhapa kwa letamong la Letsibogo, mme ka go tlhoka lesego ga go motlhofo go goroga kwa letamong le ka tsela ga e a siama gape go tlhoka gore batho ba nne mo lotshitshing lwa yone. Tekeletso ya palo ya ditlhapi tsa tigerfish e ne ya dirwa ka ngwaga wa 2009 mme ya supa fa lefelo le le di siametse. Palo ya tsone go bonwa e lekane gore di ka atisiwa. Metsi le diphologolo tse di kwa Letsibogo ga go supe di amilwe ka tsela epe ke go kgotlelwa ga BCL.

Selibe-Phikwe o na le dikolo tsa puso go ralala toropo le sekolo se segolwane. Tse di ikemetseng ke sa Kopano Primary, Morula Primary le Mount Pleasant Primary.

Toropo ya Selibe-Phikwe e tshwara kgaisano e tona mo Botswana ya mabelo a matelele e e bidiwang Phikwe Marathon; e simolodisitswe ke Boet Kahts le Phil Roberts ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong. Roberts e ne e le morutabana kwa sekolong se segolwane sa Selibe-Phikwe Senior Secondary ka ngwaga wa 1985 e le tsela ya go direla setshaba. Kgaisano e e supiwa e le nngwe ya tse di gaisang mo lefatsheng ka kakaretso go ya ka ba International Association of Athletics Federations (IAAF). Pego ya ba SPEDU (Selibe-Phikwe Economic Development) e supa fa go na le bokgoni jwa go atolosa kgaisano le go dirisa dikitso tse di tswang mo go baakanyetseng kgaisano e mo ditirong tse dingwe jaaka mabelo a dibaesekele, a dikuta, le a go tshwara ditlhapi kwa Letsibogo. Fa tse di ka diriwa, lefelo le la letsibogo le na le bokgoni go diriswa mo go kgatlheng leitlho ka go leba dinonyane le go pagama dikepe.

Batlotlegi[fetola | Fetola Motswedi]

Shephard Mosekgwa (o tshotswe ka 1976), motshameki wa pele wa kgwele ya dinao mo Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Laws of Botswana, Ministry of Local Government
  2. Ekosse,G-I;De Jager,L;Van den Heever,DJ.2008-06-18."Headaches among residents within the Selebi Phikwe Nickel-Copper mining environment, Botswana".African Journal of Health Sciences.13(3).doi 10.4314/ajhs.v13i3.30835.ISSN 1022-9272.
  3. 2016-10-19."6,000 jobs to go at state-owned mines in Botswana".IndustriALL.Retrieved 2022-05-29.
  4. "Prisons and Rehabilitation." (Archive) Government of Botswana. Retrieved on 26 March 2013.
  5. "Eastern Military Garrison celebrates soldiers".1 March 2017.dailynews.gov.bw.Retrieved 24 July 2020.