Lozi people

Go tswa ko Wikipedia

Batho ba Lozi kana Barotse  ke morafe mo borwa jwa Aforika yo o buang puo tsa Lozi, nyanja le silozi  puo tseo eleng motswako wa setswana le sesotho (Sotho-Tswana). Barotse ba agiwa ke   merafe e feta masome a mane le borataro ee gasameng mo mafatsheng a Nambia, Angola,Botswana, Zimbabwe goakaretsa sephatlo sa bokone bophirima le bophirima jwa Zambia e e  nnang mo lefatsheng la Barotse (Barotselands). Lozi gape ke sekao kana sekano sa batho baba nnang ko Barotseland eo eleng kopakopano ya merafe ee farologaneng. Dipalo tsa morafe wa Lozi ke didikadike tse tlhano, dikete tsedi makgolo  matlhono,masome a supa le botlhano (5,575 000). Ba Lozi ba bonwa gape kwa Zambia, Namibia (Caprivi strip),Angola, Botswana , Mozambique(50,000) le Zimbabwe(8,000). Ba Lozi baitsewe jaaka Malozi, Makololo, Nyambe, Bakololo, Barotose, Rotse, Rosi, Rutse, Baloyi, Balobedu leTozvi.

Leina[fetola | Fetola Motswedi]

Leina Lozi le raya lefatshe le le mo lotshitshing la noka,le go senang ditlhare tse dintsi ka puo ya Makololo le raya  sebatla sa Barotse ( Barotse floodplain) mo tikologolong ya noka ya Zambezi, moo go nnang bontsi jwa baLozi. E ka bitswa kana ya kwala Rotse kana Lotse. Modumo wa Lozi o tlile ka di missionariery tsa Geremane( German missionaries) kwa gompieno eleng Namibia. Mu- le Ba- ke magokedi aa dirisediwang  go supa bongwe kana bontsi fa go bua mo puong ya SiLozi jaaka  fa Murotse a raa motho fa Barotse ba raa batho.(citation needed)

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Ditso di supa fa esale  baLozi ba nna kana bantse kwa Barotseland. Ka ngwaga wa 1830, setlhopha sa ntwa sa Makololo se se neng setswa mo morafeng wa Basotho gotswa mo kgaolong ya Bafokeng mo Aforika Borwa, se eteletse pele ke molwantwa  Sebetwane se ne sa dikaganyetsa Barotseland mme sa fenya baLozi. Ba busitse fela go fitlhela ka 1864 fa setlhotshwana sa Basotho se ne se menolwa mo pusong morago ga go bowa ga ba Lozi. Go ya ka thulaganyo mogo tsa sepolotiki,baLozi ba dumela mogo bosweng ke kgosi kana kgumagagdi jaaka kgosi kgolo ya bone e itsege jaaka “Litunga”go tewa “motshwari wa lefatshe”

Ngwao[fetola | Fetola Motswedi]

Puo[fetola | Fetola Motswedi]

Padi yotlhe - puo ya Lozi

Dinopolo[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

Barotseland.com

A history of the Lozi

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Media related to Lozhttps://commons.m.wikimedia.org/wiki/Category:Lozi_peoplei people at Wikipedia commons

[1]