Moreomabele

Go tswa ko Wikipedia
Moreomabele is located in Botswana
Moreomabele
Location of Moreomabele

Moreomabele ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a bosupa le botlhano mo bokoni jwa motse wa Palapye, go bapisa tsela e e tswang motseng wa Palapye go ya toropong ya Francistown, gape o nale sekolo se se potana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Moreomabele dipalo tsa batho di ne dile makgolo a mane,masome a bosupa leboferabobedi.[1]

Ditlhabololo di tla motsaneng wa Moreomabele[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Moreomabele mo kgaolong ya Legare ba itumeletse go tlhatlosiwa maemo ga kgotla ya bone.Banni ba supile boitumelo joo mo moletlong wa go ipelela tlhatloso maemo kwa motseng oo ka Matlhatso.Go ya ka Kgosi ya Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi, tlhatloso maemo ya Kgotla e tla morago ga tshwetso ya Puso ka Moranang mono Ngwaga.Fa e sale Kgotla ya Moreomabele e tlhomamisiwa ka 1996 e ntse e le ya tetlanyo mme jaanong e tlhatlositswe maemo go nna e e sekisang. Dibui ka go farologana di kaile fa go tlhatlosiwa maemo ga Kgotla ya Moreomabele go tsile ka nako e e tshwanetseng.Dibui tse di neng di akaretsa makhanselara le magosi di supile fa tlhatloso e ya Kgotla e tlaa thusa mo go fokotseng dikgwetlho tsa pele tse di neg di akaretsa go tsaya leeto go ya go kopa thuso kwa makgotleng a magolwane.Kgosi Motshwaedi o sedimositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba tsaya leeto la go ya kwa Topisi kgotsa Serule go ya go itsheka, a supa fa jaanong ba tlaa thusega segaufi."Pele ga kgolo e ya rona re ne re seka ditsheko tsa rona kwa Topisi le Serule ka re le fa gare jaaka diphilo. Re tshwanetse ra leboga Serule le Topisi go re godisa ka re se re leng sone ka metse e mebedi e." Kgosi Motshwaedi o tsweletse ka go supa gore go tlhatlosiwa maemo ga bone ga go khutlise tirisanyommogo ya bone le ba Serule le Topisi.

Bogosi jwa ga Mmangwato le jone bo galaleditswe thata ke Motshwaedi ka a tlhalosa gore mo dinakong tshotlhe bo ne bo mo fa tsela le thotloetso mo tsamaisong ya Kgotla."Bagaetsho re leboga go menagane Kgosi Sediegeng Kgamane le Kgosi Ntebele go re tlhatlhelela mo tsamaisong ya kgotla." Sebui sa tlotla mo moletlong o, Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Keotlogele Kerebotswe o ne a nankola ditso tsa motse wa Moreomabele.Mo tlhalosong ya ditso tsa motse Mme Kerebotse, yoo neng a emetse Mopalamente wa Serowe Bokone-Botlhaba Rre Dikgakgamatso Seretse, o ne a supa fa motse wa Moreomabele o simolotse ka ngwaga wa 1952 e le kotoisi ya maemelo a terena a mabotlana.Mme Kerebotswe o tsweletse ka gore leina la Moreomabele le tswa mo setlhareng se se neng se le mo motseng.A re popego ya setlhare seo e ne e tshwana le ya motho wa mme."Batho betsho setlhare seo se ne se na le maungo a a neng a tshwana le mabele a mosadi, ka jalo ba feletse ba re more o o Mabele ke gone motse o wa bidiwa go twe Moreomabele." Mme Kerebotswe o tsweletse k ka gore motse o simolotswe ke batho bangwe ba ba ne ba dira mo seporong ka nako e se neng se le sa ba National Railways of Zimbabwe.Mo go goleng ga motse Mme Kerebotswe a re go ne ga simologa ka kago ya letamo, sekole se botlana, kokelwana e e kwa tlase mme morago ga latela kgotla ka ngwaga wa 1996.Mme Kerebotswe o kopile ba Moreomabele gore ba amogele baagedi ba bone a supa fa phuduga ya batho e e bakwang ke ditlhabololo e tlaa ama motse wa bone."Go agwa ga Mmadikole kwa Palapye le katoloso ya moepo wa Morupule di tlaa oka batho ba ba tlaa felelang ba kopile go nna mono,' ga tlhalosa Mme Kerebotswe a kgothatsa ba Moreomabele gore ba inaakanye le dikgwebo.Tlhotloso maemo ya Kgotla ya Moreomabele e tsisitse mokwaledi le mapodisi mo motseng.Moletlo oo o ne o tseneletswe ke magosi a ga Mmangwato, badirela-puso, makhanselara, baruti le morafe ka kakaretso.

Banni ba Moreomabele le metse ya mabapi ba gakolotswe go tsosolosa letlole[fetola | Fetola Motswedi]

Mopalamente wa kgaolo ya Serowe bokone botlhaba, Rre Dikgakgamatso Seretse o kgothaditse banni ba Mabeleapodi, Paje, Moreomabele, Serule, Gojwane le ba masimo a Patwe go tsosolosa letlole la kgaolo ya bone la Ipelegeng.Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, tona o ba kopile go nna tlhaga mo go ntshetseng letlole leo madi ka ele lone le ba ka le dirisang go intsha mo lehumeng le go tlhokomela ba ba sa kgoneng.A re letlole le tla sologela molemo ba ba le ntshetsang madi mme ba tla thusiwa go lebilwe seo.Rre Seretse yo ebileng ele tona ya itshireletso molao le thokgamo, o ba kgothaditse go ipopa ka masimo a bone go a teratelela ka lenaneo la ISPAAD, ka go dira jalo ba ka fedisa selelo sa malatsi otlhe sa dikgomo le ditholo tse di ba jelang mo masimong.A re go molemo thata go le aramela le sa ba tlhabetse e sere kgabagare ba iphitlhela ba tshwere ngwana moikotlhai, ka kwelotlase ya itsholelo e ka ama mananeo a mohuta oo.

A re lenaneo la teratelelo masimo le tlhoka gore masimo a a teratelelwang a bo a le dieketara tse 150 le go feta. O ba kopile gore ba dirise balemise go ba thusa ka go tlhoka go dirwa molao motheo e bile go kgonega gore ba epelwe sediba.Ba bolemise ba tlhalositse fa go rotloediwa gore 60 per cent ya balemi ba reme masimo go tla go teratelelwa, mme ba ba sa remang go tla a tswa mo molaong motheo wa balemi gore ba dire jang. Ba bile ba rotloetsa balemi go tlhokomela matamo.Mopalamente o bile a ba tlhalosetsa gore machine e e kgaolang ditlhare e teng, go tlhokega fela gore ba ba e dirisang ba lebogwe ka jaana letlole le feletswe ke madi e bile go nne le madi a a ka baakanyang machine eo fa e senyegile.Morafe mo metseng ya Mabeleapodi le Paje ba ikuetse gore ba kgaletswe, mme ba lephata la metsi ba ba solofetsa fa mo bogautshwaneng ba tla a bona metsi ka go ne ga nna le bothata mme ba bo tsibogetse. Ba dikgotla tsa Setswana ba ne ba kopa go thusiwa ka mekowakowa ya dikoloto tse di saleng di eme, fa mapodise a kgotla a kopana le a Botswana Police, mme mopalamente a ba solofetsa fa kgang eo e tsentswe leitlho go rarabololwa ka go dira dikgotla tse di itebagantseng le tsa leruo.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Palapye-Moreomabele Botswana/Moreomabele


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.

Coordinates: 22°3′2″S 27°15′45″E / 22.05056°S 27.26250°E / -22.05056; 27.26250