Sefofane sa Setshaba sa Lefatshe la Bechuanaland

Go tswa ko Wikipedia

Sefofane sa Setshaba sa Bechuanaland ene ele sa lefatshe la Bechuanaland Protectorate ebile ene e emelela gotswa mo lefelong la Francistown.

Sefofane se sene sa agiwa ka Phalane a tlhola gangwe ngwaga wa 1965 ka thotloetso ya madi a puso ka Johnny Gibson yo neng a tsaya tsela ya gore a ipereke mo go tsa difofane ka ba Bechuanaland Safaris.[1][2] Thuso gotswa mo go ba difofane ba Boritane Autair International Airways ene ya newa, ka go bona Autair a neela ba difofane ba lefatshe la Bechunaland difofane tsa ntlha tse pedi, Douglas DC-3. Sefofane sene sa thuswa ka tsa maranyane ke ba Air Trans Africa.[3]

Go dira ga Sefofane gone ga simololwa ka Ngwanatsele a tlhola lesome le botlhano ngwaga wa 1965, gorago ga mo lephata la difofane lene ka potlako la simolola ditiro mo Francistown lemo toropong dile supa. Mo lefatsheng ka bophara serofane se sene se tsamaya ka tselana e tswang mo Francistown goya Bulawayo mo Rhodesia le Livingstone mo Zambia, le gotswa mo Lobatse goya Johannesburg.[3]

Sefofane se sene se fofa gotswa mo Bulawayo-Francistown-Serowe-Gaborone-Johannesburg-Gaborone-Lobatse-Ghansi ka Mosupologo; Ghansi-Lobatse-Gaborone-Serowe-Francistown ka Labobedi; Francistown-Maun-Serondellas-Livingstone-Serondellas-Maun-Francistown Ka Laboraro; Francistown-Maun-Ghansi-Maun-Francistown ka Labone; Francistown-Serowe-Gaborone-Lobatse-Johannesburg-Lobatse-Gaborone-Serowe-Francistown ka Labotlhano; le gotswa mo Francistown goya Bulawayo ka Matlhatso.[3]

Difofane tsa Francistown-Johannesburg le Francistown-Johannesburg-Francistown dine tsa simolola nako e santse ele teng ka ngwaga wa 1966 ka Mosupologo le Labotlhano ka go latelana. Sefofane se sene sa emisa tiro ka ngwaga wa 1966 oya fifing sebo es bewa goka se boloka. Go dira ga sefofane sa Setshaba tsa Bechuanaland gone ga tsewa ke ba lephata la difofane tsa setshaba ba Botswana ka ngwaga wa 1966 o fela,[3] yo Gibson le ene e neng ele karolo ya lephata le.[2]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Dale, Richard (1995). Botswana's search for autonomy in southern Africa. Greenwood Publishing Group. p. 102. ISBN 0313295719. Retrieved 2009-10-14.
  2. 2.0 2.1 "Squadron Leader Johnny Gibson". The Daily Telegraph. 19 July 2000. http://www.telegraph.co.uk/news/obituaries/1349214/Squadron-Leader-Johnny-Gibson.html. Retrieved 2009-11-06. 
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 Guttery, Ben R. (1998). Encyclopedia of African airlines. Ben Guttery. p. 26. ISBN 0786404957. Retrieved 2009-10-14.