Segajaja sa Covid-19 mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Motheo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2020, Firikgong a le malatsi a le lesome le bobedi, lekgotla la botsogo la mafatshefatshe la World Health Organization (WHO) le ne la tlhomamisa gore mogare wa corona ke one o bakang bolwetsi jwa makgwafo jo bo neng bo bonwe mo setlhopheng sa batho kwa toropong ya Wuhan, kwa kgaolong ya Hubei, kwa lefatsheng la China,mme bo begetswe WHO ka kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le masome a mararo le bongwe ngwaga wa 2019.[1][2]


Dipalo tsa batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19 di ko tlase fa di tshwantshanngwa le tsa SARS ka 2003, [3][4]mme Covid e aname go gaisa SARS ka palo e e kwa godimo ya dintsho.[5][3]

Go tlhomagana ga ditiragalo[fetola | Fetola Motswedi]

Mopitlo 2020[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mararo, go ne ga tlhomamisiwa fa batho ba le bararo ba fitlhetswe ka mogare o mo lefatsheng la Botswana.[6] Ka Mopitlo a le malatsi a le masome a mabedi le botlhano, mme wa dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi o neng a belaelwa a na le mogare wa COVID-19, o ne a tlhokafala kwa Ramotswa.[7] Malatsi a le mmalwa morago ga loso lwa gagwe, maduo a ne a boa a supa fa ka nnete a ne a na le mogare oo, mme se sa tsisa palo ya batho ba ba tshwereng ka mogare kwa go bone mo Botswana. Mo pegong e e neng e gasiwa ka tlhamalalo mo telebishining ya BTV mothusa tautona Slumber Tsogwane o ne a bolela fa ditlhopha tse di latedisang bolwetsi di lemogile fa batho ba le lesome le bone ba amane le o o tlhokafetseng ka jalo ba tlhatlhobilwe. Maduo a ba ba neng ba amane le moswi a ne a bolelwa ke tona wa botsogo wa nako e o Dr. Lemogang Kwape o neng e le ene gape a begileng boraro jwa ntlha bo tshwarwa ka mogare. Kwa mafelong a kgwedi, palo ya dintsho e ne e le bongwe, palo ya ba ba fitlhetsweng ka mogare e le bone, mme ba ba neng bolwetsi bo santse bo le mo go bone ba ne ba le bararo.

Moranang 2020[fetola | Fetola Motswedi]

Go ne ga tlhatlhobiwa batho ba bangwe ba le babedi morago ga beke tse pedi, mme ka Moranang a le lesome le boferabongwe Dr. Kwape a bega fa go na le batho ba le batlhano ba ba tshwerweng ka bolwetsi, ba le babedi ba ne ba tswa kwa United Kingdom, fa ba le bararo ba tsere bolwetsi mo gae, se sa tsisa dipalo tsa ba ba tsereng bolwetsi mo gae kwa boratarong.


Ka Moranang a le malatsi a le masome a mabedi le bobedi, batho ba le babedi ba ne ba tshwarwa ka bolwetsi kwa kgaolong ya Metsimotlhabe-Molepolole, se sa tsisa dipalo kwa go masome a mabedi le bobedi. Bobedi jo bo ne bo tsere bolwetsi mo gae, ka jalo dipalo tsa mo gae di oketsega go nna boferabobedi ka nako e o. [8]Ka Moranang a le masome a mabedi le boferabobedi, go ne ga nna le motho o mongwe gape o o tsereng bolwetsi mo gae.


Go ya ka lephata la botsogo (Ministry of Health) go ne go simolotswe go latedisiwa batho ba neng ba amane le ba ba tshwerweng ka bolwetsi kwa Molepolole, Metsimotlhabe, Mahalapye, Bobonong le Siviya, ba botlhe ba neng ba fitlhelwa ka mogare wa coronavirus. Ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe, go ne go tlhatlhobilwe batho ba le dikete di supa, makgolo a le marataro, masome a supa le botlhano, mapalamente le tautona le mothusi wa gagwe ba ne ba seka ba fitlhelwa ba na le mogare oo.


Mo pegong e e neng e gasiwa mo telebishining, tautona Masisi o ne a oketsa thibelo metsamao ka beke tse dingwe tse pedi tse go neng ga repisiwa melao ka tsone. Go ya ka tautona, balwetsi botlhe ba COVID-19 ba ne ba sa supe dikai mme ebile ba sidilega.Maduo a ba ba neng ba amane le o o tlhokafetseng a ne a begiwa ke tona wa botsogo (Health and Wellness) Dr. Lemogang Kwape. Kwape o ne a bega fa bosupa mo go ba le lesome le bone ba fitlhetswe ka mogare se sa isa dipalo kwa go lesome le boraro.[9]

Ka kgwedi ya Moranang a le masome a mabedi le boferabongwe, batho ba le batlhano ba ne ba fola mo lefatshing la Botswana.[10]

Kgwedi ya Moranang fa e ya bokhutlong, palo ya batho ba ba neng ba tshwerwe ka mogare e ne e le kwa go masome a mabedi le boraro, e oketsegile ka lesome le boferabongwe go tswa ka Mopitlo. Dipalo tsa dintsho di ne di sa fetoga. Mme ga bo go na le lesome le bosupa la batho ba mogare o neng o santse o le mo mebeleng ya bone.[11]

Motsheganong 2020[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba le bararo ba ba fodileng ba ne ba begiwa ka Motsheganong a tlhola gangwe. [12]Ka Labone, Motsheganong a le malatsia a supa, Botswana o ne a kwadisa dipalo tse dingwe tsa ba ba fodileng. Ka Labotlhano Motsheganong a le malatsi a ferabobedi bosigogare, kiletso mesepele ya malatsi a le masome a mararo le botlhano mo Botswana ya ya bokhutlong, se sa simolodisa go repisiwa ga melao e e neng e beilwe ke puso dibeke di le tharo, mme ga simolola go boelwa ditirong go simolola ka letsatsi la boferabobedi la Motsheganong go fitlhelela ka letsatsi la bosome le bone la kgwedi eo. Ka Mosupologo a le malatsi a le lesome le bone Motsheganong, lefatshe la Botswana la gatisa motho o mongwe o o tshwereng ka bolwetsi.[13] Ditlhatlhobo di ne di dirilwe di le dikete di le lesome le motso makgolo a mane, amsome a ferabongwe le botlhano ka kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le lesome le bobedi. Balwetsi ba le batlhano ba ne ba fola, mme ga sala ba le barataro.[14] Motho a le mongwe o ne a fitlhelwa ka mogare ka malatsi a le lesome le bosupa, se se isa dipalo tsa ba ba nang le bolwetsi kwa go bosupa.[15] Ka letsatsi la bo masome a mabedi le bongwe, batho ba le bane ba tshwarwa ka mogare, fa ba le babedi ba ne ba fola, se se tsisa dipalo kwa go boferabongwe. Morago ga letsatsi, Botswana a gatisa motho o mongwe se sa isa dipalo tsa ba ba santse ba na le bolwetsi mo bekeng ya Tshipi a le lesome le bosupa go nna borataro. Ka Motsheganong a le malatsia le masome a mabedi le bone go ne go na le batho ba bangwe ba le batlhano, mme palo ya nna masome a mararo le botlhano fa ya ba ba nang le bolwetsi e nnile lesome le botlhano.


Fa Motsheganong a ya bokhutlong, palo yotlhe ya batho ba ba tshwerweng ka mogare e ne ele masome a mararo le botlhano, e oketsegile ka lesome le bobedi go tswa ka Moranang. Palo ya dintsho e ne e sa fetoga. Go ne go na le ba ba santseng ba na le bolwetsi ba le lesome le bone, e fokotsegile ka 18% go tswa kwa bofelong jwa kgwedi ya Moranang.[16]

Thibelo[fetola | Fetola Motswedi]

Puso e ne ya emisa go kgobokana ga batho ba feta masome a matlhano le go tsena ka melwane ga batho ba ba tswang kwa mafatsheng a a mo diphatseng, e le tsela ya go itsa go thanya lomapo lo le tsebeng.[17] [18]Ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le bone , puso e ne ya bega fa melelwane yotlhe kwa ntleng ga e le lesome le bobedi, e tswalwa. Baagi ba Botswana ba ne ba letlelelwa go boela gae mme ba tswalelwe ko ba ka sekeng ba amane le batho ba bangwe malatsi a le lesome le bone. Go ne go na le matshwenyego le fa go ntse jalo a gore batho ba ka tlhagela go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe ba sa tsene kwa go letleletsweng.[19]


Dikolo tsotlhe di ne tsa tswalwa go tswa ka Mopitlo a le malatsi a le masome a mabedi. Mme ga simololwa go rutiwa ka Seetebosigo a le malatsi a le mabedi.[20]


Segajaja le kiletso mesepele di ne tsa kgoreletsa go tsoma ditlou mo go neng go ya go nna ga ntlha mo Botswana fa e sale ka ngwaga wa 2014,[21] di ne tsa ama gape le mohama wa diteemane.[22]


E ne ya re ka Mopitlo a le malatsi a le masome a mararo le bongwe, tautona wa Botswana Mokgweetsi Masisi a fa pego mme a simolodisa nako ya seemo sa tshoganetso ka maikaelelo a go gagamatsa ditsela tsa go thibela dikotsi tsa segajaja sa COVID-19. Tautona o re malatsi a a masome mabedi le motso a seemo sa tshoganetso a tla bo a sa lekana go diragatsa tse di tlhokafalang go lwantsha segajaja.

References[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Elsevier. "Novel Coronavirus Information Center". Elsevier Connect. Archived from the original on 30 January 2020. Retrieved 15 March 2020.
  2. Reynolds, Matt (4 March 2020). "What is coronavirus and how close is it to becoming a pandemic?". Wired UK. ISSN 1357-0978. Archived from the original on 5 March 2020. Retrieved 5 March 2020.
  3. 3.0 3.1 "Crunching the numbers for coronavirus". Imperial News. 13 March 2020. Archived from the original on 19 March 2020. Retrieved 15 March 2020.
  4. "High consequence infectious diseases (HCID); Guidance and information about high consequence infectious diseases and their management in England". GOV.UK. Archived from the original on 3 March 2020. Retrieved 17 March 2020.
  5. "World Federation Of Societies of Anaesthesiologists – Coronavirus". www.wfsahq.org. Archived from the original on 12 March 2020. Retrieved 15 March 2020.
  6. "Botswana registers first Covid-19 cases as three people test positive". www.iol.co.za. 31 March 2020. Retrieved 31 March 2020.
  7. "Mystery over Botswana's COVID-19 "Patient Zero" deepens". Sunday Standard. 11 May 2020. Retrieved 29 June 2020.
  8. "Botswana records two more COVID-19 cases". allAfrica.com. 22 April 2020. Retrieved 23 April 2020.
  9. "Botswana registers 7 more COVID-19 cases". Botswana Daily News. 9 April 2020. Archived from the original on 1 October 2020. Retrieved 26 May 2020.
  10. "Five Covid-19 patients recovered". DailyNews.gov.bw. 29 April 2020. Retrieved 29 April 2020.
  11. "Coronavirus disease (COVID-19) situation report 102" (PDF). World Health Organization. 1 May 2020. p. 6. Retrieved 2 July 2020.
  12. "Botswana records three more recoveries". Botswana Daily News. 2 May 2020. Retrieved 4 May 2020.
  13. "Gaborone City under lockdown". TheVoicebw.com. 11 May 2020. Retrieved 13 May 2020.
  14. "COVID-19 Government of Botswana". gov.bw. 12 May 2020. Retrieved 12 May 2020.
  15. "Coronavirus : le bilan en Afrique ce 19 mai". EbeneMagazine.com (in French). 19 May 2020. Retrieved 19 May 2020.
  16. "Coronavirus disease (COVID-19) situation report 132" (PDF). World Health Organization. 31 May 2020. p. 5. Retrieved 2 July 2020.
  17. "Coronavirus: Botswana bans US, UK, China arrivals". Mmegi. 16 March 2020.
  18. "Botswana bars travellers from coronavirus-hit countries". 16 March 2020. Retrieved 17 March 2020.
  19. "Botswana, with No COVID-19 Cases, Closes Borders After Death in Zimbabwe | Voice of America – English". www.voanews.com. Retrieved 25 March 2020.
  20. "Botswana schools reopen amid concerns over preparedness". www.voanews.com. 5 June 2020. Retrieved 9 June 2020.
  21. "Coronavirus may mean Botswana's hunting season is cancelled". www.aljazeera.com. Retrieved 25 March 2020.
  22. "Botswana's Diamond Sales Face Slump as Coronavirus Locks Out Key Buyers | Voice of America – English". www.voanews.com. Retrieved 25 March 2020.