Serule
Serule ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Serule, o nale seemo sa loapi sa selekanyo sa -21.95 (21° 56' 60 S) gape le sa 27.3 (27° 18' 0 E), ke motse o o mo mebilen, fa thoko ga tsela, kgotsa fa thoko ga seporo sa terena. Motse o o bonwa fa tlhoko ga tsela ya Francistown le Palapye, gape ke motse yo o botlhokwa o o kopanyang diporo tse di tswelang kwa bokone jwa toropong ya Francistown, le borwa jwa motse wa Palapye gape le mo botlhaba jwa toropo ya moepo ya Selebi-Phikwe, e e dikhilomethara tse di masome a bosupa le bobedi go tswa kwa Palapye go ya fela kwa godimo mo tseleng e e yang bokone jwa tsela ya A1, dikhilomethara tse di masome a boferabobedi le bobedi go ya Francistown mo borwa jwa tsela ya A1 gape le dikhilomethara tse di masome a borataro mo bophirima jwa toropo ya Selibe Phikwe go ya kwa makopanelong a tsela.. O bonwa thata mo dikhilometharang tse di makgolo a mararo le masome a mane mo botlhaba selekanyo sa seemo sa loapi sa (90°) gongwe e ka nna bogare jwa lefatshe la Botswana gape le dikhilomethara tse di makgolo a mararo,masome a boraro le bobedi mo seemong sa loapi sa selekanyo sa mo bokone jwa (26°) toropokgolo Gaborone.[1]
Dipalo tsa batho
[fetola | Fetola Motswedi]Palo tsa batho go ya ka palo batho ya ngwaga wa 2001 e ne e le 2,268 gape e akanyediwa go fetla selekanyo sa 3000 mo bofelong jwa ngwaga wa 2011. Banni ba motse wa Serule ba akaretsa Bangwato, Bakwena, Batalaote, Bakalanga, Bahurutshe gape le dikgotlana tse di leng teng ke tsa Borotsi, Mokwena, Botalaote, Basimaneng le Leupane. Lefelo le ka nna selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo la Serule le nale palo ya batho ba ka nna 1515 (0.000015 motho a le mongwe a tsaya ntlha ngwe a lefatshe) gape le go tsholetsega ga lefatshe ga selekanyo sa makgolo a boferabongwe,boferabongwe le boraro mo lefatsheng.
Dipolotiki le Puso
[fetola | Fetola Motswedi]Kgosi ya motse ke Kgosi Oletile Modise, Motalaote yo o tsereng bogosi ka ngwaga wa 2001 go tsweng mo go kgosi Tau Lesego. Oletile Modiseke morwa Kgosi Gabana yo o simolotseng motse . Kgosi Modise o thusiwa ke Kgosi Mmese. Banni ba Serule ba eteletswe pele ke phuthego ya Botswana Democratic Party. Boleng teng jwa phuthego ya Botswana National Front mo motseng bo ne jwa nyelela se se latedisa tshimololo ya bolengteng jwa phuthego ya Botswana Congress Party e e tswelelang e le yone e e itesang borathana le fa e sena tatedi e e tseneletseng.
Mokhanselara wa Serule ke Seno Fani Mokhondo yo o ka fa tlase ga phuthego ya Botswana Democratic Party. Mokhanselara Seno Fane Mokhondoke leloko la Presidential Certificate of Honour ka ngwaga wa 2006. Presidential Certificate of Honour e tlhalosiwa e le “setlankana se se abelwang motho go bo a berekile ka lobaka gape a le boikanyego mo lefatsheng la Botswana.” Tona wa lefatshe mo bogompienong wa Tshireletso,kagiso le tlhokgamo ke ene moemedi wa motse kwa khuduthamageng wa kgaolo ya Serowe bokone botlhaba,yo o ka fa tlase ga phuthego e e busang. Badirela molao ba ba ntseng ba emetse Serule ba akaretsa tautona Festus Gontebanye Mogae gape le Lephimotswe Boyce Sebetlela yo kileng a bo e le tona kwa khuduthamageng.
Ditlhabololo tsa Dikago
[fetola | Fetola Motswedi]Le fa Serule e le motse yo o nang le dipalo tsa batho ba ba palo e e tsenang mo seatleng,mo nakong e e fitileng go nnile le ditlhabololo tsa dikago. Dikago tsa mantlo di fa bosupi ka mefutla ya dikago tsa tsone tse di tlhabologileng. Bontsi jwa ditirelo tse di ka bonwang mo Botswana gape le mo ditoropong di ka bonwa gape le kwa motseng wa Serule. Ke nngwe ya dikgaolo tse di mo maemong a lesome mo go laoleng ga sepodise sa Botswana mo Serule. Gape mo motseng go nale sekolo sa Little Tomy Day Care Centre, Serule Primary School, Bonwatlou Junior School,kokelwana ya Serule, le poso. Bonno jwa one jo bo rileng fa tlhoko ga tsela ya A1bo bakile tshimolodiso ya lefelo le go kalwang bokete jwa dikoloi tsa megobagoba gape le dikolo tse dingwe tse ditona tse di simolotsweng ka ngwaga wa 2000. Motse o o akola tsela e e dikhilometharanyana e e mo motseng. Gape le e e leng teng kwa difikantsweng tsa Majoje, tse di bonwang kwa dithabeng tsa Majoje tse o kareng lefelo la peeletso la ditso la motse.
Itsholelo
[fetola | Fetola Motswedi]Banni ba motse wa Serule bontsi ba bone ke balimi ka jalo ba ikaegile thata ka temo thuo agriculture le fa go ntse go nale palonyana ya batho ba ba ikaegileng ka mebereko mo motseng le kwa ditoropong tse di mabapi. Bontsi ba bone ke balemi barui ba ba direlang go jesa malwapa a bone. Ba nale dikgomo kwa merakeng ya Makgorwane, Libu, Xomexhwa, le Seokane. Majoje ke lone lefatshe le ba lemelang kwa go lone le tsaya thobo ya bone.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.