Tshokwe

Go tswa ko Wikipedia
Tshokwe is located in Botswana
Tshokwe
Location of Tshokwe

Tshokwe ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana Motsana o o bonwa mo Borwa-Botlhaba jwa toropoSelibe Phikwe, gaufi le molelwane wa lefatshe la Zimbabwe, gape o nale sekolo se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.[1]

Puso e itebagantse le go tlhabolola matshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Maikaelelo a puso ke go tlhabolola lefatshe leno ka go isa ditlhabololo le mananeo ka nako e e tshwanetseng go nonotsha boleng le seriti sa batho.Mothusa tona wa temo-thuo, Rre Shaw Kgathi, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Bobirwa, o bo letse jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a lekodisa batlhophi ba gagwe ka dipuisanyo tsa phuthego ya palamente e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa go e e tlang.Rre Kgathi a re puso e kgonne go rotloetsa le go rokotsa banana go nna le seabe mo mananeo a dithuso ka go oketsa madi a a fiwang banana ba ba sa tlholeng ba tsena sekole go tswa kwa go P70 000 go ya kwa go P963 480.A re gape banana ba nnile le seabe mo mananeong a temo ya nosetso, thuo ya dikoko, dihutshane, dikolobe le tse dingwe, lenaneo le a reng le letla gore ba ka le akola ka go ipopa ditlhopha kgotsa ba thusiwa ka bongwe ka bongwe.A re ditlhabololo dingwe ke go gokelwa ga motlakase kwa metseng e e neng e saletse kwa morago e e akaretsang wa Motlhabaneng, Mabolwe, Lepokole le Tshokwe mo a reng go tsweletse.O bile a tlhalosa fa kago ya borogo e tsweletse kwa mokeng ya Motloutse mo nokeng e e kgabaganyang tsela ya Lekkerpoet/ Motlhabaneng le kwa nokeng ya Thune e e kgabaganyang tsela ya Bobonong/Tsetsebye, a re tsela eo e tlaa tshelwa sekontere mo ngwageng ono wa madi le gore dingwe ditsela tsa Bobonong di tlaa tshelwa sekontere.

Ditlhabololo tsa kgaolo ya Bobirwa[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Kgathi o boleletse banni gore ditlhabololo di tshwana ya go nna teng ga banka le marekisetso a Choppies mo kgaolong eno ke kgatelo pele ya go oka bagwebi go tla go bula dekgwebo mono.A re puso e tsere tshwetso ya go atolosa dikokelwana, e le maiteko a go atametsa batho ditlamelo tsa botsogo le go fokotsa mosuke kwa kokelong ya Bobonong.A re maikaelelo a puso ke gore batho ba metse ya Lentswe-le- Moriti, Motlhabaneng, le dipolasi e sobokwe gore ba bone ditlamelo tsa botsogo go balelwa ngaka kwa motseng wa Mathathane go na le go e latela kwa Bobonong.Le fa go ntse jalo, mothusa tona a re dikgwetlho di tshwana le go tlhagoga ga bolwetsi jwa tlhako le molomo, le kanamo ya mogare wa HIV, go thelesegela ga batswakwa mo lefatsheng leno ba se na tetla ke dilo dingwe tse di amang itsholelo le go kgoreletsa ditlhabololo.A re puso e tsere tshwetso ya go direla bagodi le bana-le-bogole dikarata tsa go supa gore ga ba duelele kalafi mo dikokelong tsa puso.O ne a ba itsese fa ditlhwatlhwa tsa phimolo dikeledi ya tshenyo ya diphologolo kwa masimo le kwa merakeng di okeditswe le dikotlhao tsa molao wa tsela di gagamaditswe.

Rre Kgathi a re puso e setse e sekasekile togamaano ya bolesome ya ditlhabololo, mme ba setse ba bone seemo sa itsholelo.E ne e rile pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mphale Lebotse a lekodisa mopalamente ka matshwenyego a bone, a kopa gore didiba tse di gaufi na bo di katololwe gore ba nose dihutshane tsa bone.Rre Lebotse o kopile gore tsela ya Motlhabaneng/Semolale e gopiwe le go tshelwa lekgarapana gore go dirisiwe yone, ka gore borogo jwa tsela e ba ntseng ba e dirisa bo ntshitswe ntswa jo bo agiwang mo nakong eno bo ise bo fele, a re se se ba baketse mathata ka nako ya dipula.O bile a nankola ditiro tsa ditlhabololo tse ba ikaelelang go di dira ka lenaneo le le thusang batho boemong jwa la namola leuba tse a reng di santse di ile go sekasekwa ke bodiredi jwa kgaolo potlana eno.Mme Lydia Mfolwe a re ba lephata le tlhokomelo matlhoko a leruo ba sale ba ba epetse letangwana le le nosang dihutshane nako kgolo ke eno gale ise le dirisiwe, a bo a kopa gore phimolo dikeledi ya dipodi fa di bolailwe ke dibatana e okediwe go tswa kwa go P25, a re mo nakong eno ditlhwatlhwa tsa dipodi di kwa godimo.Rre Ofentse Moleofe ene a re nako e tsile ya gore meraka le masimo di nne lefelo le le lengwe fela go sireletsa tlhaelo ya lefatshe, a re ba santse ba tlhoka lefatshe la ditsha tsa masimo le meraka.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Bobonong

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-08.

Coordinates: 21°44′39″S 28°7′0″E / 21.74417°S 28.11667°E / -21.74417; 28.11667