Vachellia erioloba

Go tswa ko Wikipedia

Vachellia erioloba, Carmel thorn se gape se itsegeng jaaka giraffe thorn, mokala kana Karmeeldoring ka aforikanse( Afrikaans), se itsege gape ka acacia erioloba ke setlhare sa mo kgaolong ya borwa jwa Aforika mo losikeng lwa Fabaceae.[1] Se rata go tswa kana se itumela thata fa go leng motlhaba o montsi jaaka Aforika Borwa,Botswana, mafelo mangwe mo bophirima jwa lefatshe la Zimbabwe le Namibia. Ke setlhare samo gae le kwa Angola,bokone bophirima jwa Mozambique, Zambia le kwa Eswatini.[2] Setlhare se se bonwe lantlha le go tlhalosiwa ke Enest Heinrich, Fredrick Meyer le Johann Franz Drege ka  ngwaga wa 1836.[2] Setlhare se camel thorn ke setlhare se se sireleditsweng mo Aforika Borwa.[3] Setlhare se ke setlhare se se golang thata ka bonya mme se ka gola go fitlhela se tshwara boleele jwa masome a mabedi a dimethara. Se itse go ikemela ka nako tsa leuba pula e seo mme ebile gape se itse go itsetsepela mo kapokong kana serame se sentsi sago gatsetsa metsi. Mmitlwa ya setlhare se ee mmala o mosweu o kopane le matlhasedi a makwebu gao tshware letsatsi fa matlhare a sone ao kareng lefofa aa tswala kana a boela mo teng ga go fisa.[4] Legong la setlhare se le mmala o bohibidu jo bo yang ko borokweng, se kitlane mme ebile se thata. Ke setlhare se se tukang thata mme se se dire gore se rwalelwe thata,tlhare tse di omileng di tswe go bulela tse disha tsedi golang phatlha.(citation needed) Se ntsha peo ee phuthetsweng mo selebegong sa tsebe mme e ratwa ke diphologolo tse di jang tlhaga le matlhare goakaretsa dikgomo. Peo ya setlhare se e ka gadikiwa go dirisiwa mo boemong jwa coffee beans.[5] Leina le la “ Carmel thorn” le biditswe go lebeletswe kafa phologolo e, thutlwa(karmeeleperd ka Aforikanse) e kgonang go dirisa loleme la yone bontle go ja matlhare a setlhare se esa tlhabiwe ke mmitlwa. Leina la maranyane “erioloba” le “ wooly lobe” go tlhalosiwa peo ee phuthetsweng mo selebegong sa tsebe.[6] E tlwaelesegile thata go amanngwa le lenaneo la diphologolo la BPS ( BPS wildlife program Nature) , jaaka setlhare se se dirisiwa mo setlhogong le sekao sa thulaganyo.[7]

Ditshwantsho[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. The type specimen of Acacia giraffae, proved on closer examination to be a hybrid of V. haematoxylon and the species which would later become known as V. erioloba. The name V. erioloba was therefore proposed for the vast numbers of camel thorn which are not hybrids
  2. 2.0 2.1 "Vachellia erioloba". Germplasm Resources Information Network. Agricultural Research Service, United States Department of Agriculture. Retrieved 2015-08-12.
  3. Protected Trees" (PDF). Department of Water Affairs and Forestry, Republic of South Africa. 3 May 2013. Archived from the original (PDF) on 5 July 2010. Retrieved 13 June 2013
  4. Ehrenbold, Samuel; Keding, Viktoria (2015). It is Time to Identify Selected Plants and Animals of the Namib (2nd ed.). Namib Desert Environment Education Trust (NaDEET). p. 8.
  5. Mhloniswa Dlamini (2005). "Acacia erioloba". PlantZAfrica.com. South African National Biodiversity Institute. Retrieved 11 November 2014.
  6. Canada, Tony Hnilica-*AJH* Custom Knives & Services - Lytton, BC. "Hardwood information". ajh-knives.com. Retrieved 2017-08-03.
  7. "Frequently Asked Questions | Nature | PBS". Nature. Retrieved 2019-05-28.

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Dressler, S.; Schmidt, M. & Zizka, G. (2014). "Acacia erioloba". African plants – a Photo Guide. Frankfurt/Main: Forschungsinstitut Senckenberg.