Wikipedia:Today's featured article/Phalane 20, 2022

Go tswa ko Wikipedia

Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi (o tshotswe ka di 21 Phukwi 1961) ke tautona wa botlhano wa lefatshe la Botswana go simolola ka di 1 Moranang 2018. O setse a kile a dira e le tona wa tsa thuto ka ngwaga wa 2014, mme a dira gape e le tona wa tsa bodiredi mo ofising ya ga tautona le tsa merafe go simolola ka ngwaga wa 2011 go fitlha ka ngwaga wa 2014. O ne a tlhophiwa lantlha go ya palamêntêng ka ngwaga wa 2009.

Rre Mokgweetsi Masisi ke morwa wa ga Edson Masisi, yo o neng e le leloko la palamêntê kwa Moshupa. Rre Masisi o goletse mo torôpôkgôlô Gaborone, a tsena sekolo se se botlana kwa Thornhill Primary School mme a ya go tsweledisa se segolwane kwa Maru A Pula School. Kwa sekolong o ne a tsenelela dikgaisano tsa kgwele ya dinao le thênêsê, mme kwa bofelong a felela a kgatlhêgela tsa kgatô. Ka ngwaga wa 1984 o ne a akgolelwa kêtêlêlo pele ya gagwe ya tlhamô ya mo Gaborone ya Cry the Beloved Country, mme a galaletswa ke Alan Paton ka tiragatsô ya gagwe. Fa go tswêlêtswêle ka ngwaga wa 1980 o ne a nna moanêlwamogolo wa go dira le metshamekô, mme gape a nna karolô ya di ditshwantsho tsa motshikenyego tsa Aferika Borwa.(Pego ye e feletse...)

Dipego tsa malatsi a feteleng: