Louis Goodwill Nchindo

Go tswa ko Wikipedia

Louis Goodwill Nchindo o o tshotsweng ka ngwaga wa 1941 a tlhokafala ka wa 2010 , e ne e le mogwebi wa kwa Botswana le mogakolodi wa tsa sepolotiki, o o godileng mo go tsa sepolotiki ka go nna moeteledipele wa kompone ya Debswana, e e leng yone e eteletseng pele diteemane mo Botswana.[1] O ne a fitlhelwa a tlhokafetse kwa motse selegaeng mo mosong wa kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a ferabongwe ka ngwaga wa 2010, loso lwa gagwe ele masaitseweng.[1][2]

Botshelo jwa fa a santse a le mmotlana[fetola | Fetola Motswedi]

Nchindo o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le masome a mararo ka ngwaga wa 1941 kwa Tlokweng Botswana, mme a tsena sekolo kwa Molepolole, le kwa St.Joseph's College kwa Kgale Botswana.[1] O ne a tswelela a ya go ithutela tsa bongaka kwa University College London Medical School, mme a tlogela ka ngwaga wa 1964 go ya go dira tsa sepolotiki le itsholelo (Politics,Physiology and Economics) kwa Balliol College, Oxford.[3] O ne a nna tsala le batlotlegi ba kamoso ba Botswana ba akaretsa o neng a nna tona wa ditswammung le metsi David Magang [4] le tautona wa Botswana Festus Mogae,[1] ka nako e a neng a le tautona wa Student union sa sekolo seo sa ithutelo ditiro.

Moeteledipele wa tsa kgwebo[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go berekela Procter and Gamble kwa Caracas kwa Venezuela Southern Africa, Nchindo o ne a nna moeteledipele wa kompone ya Debswana,le modulasetilo wa Botswana Stock Exchange, a nna gape tlhogo ya Barclays Bank mo Botswana le mogogi wa Anglo American mo Botswana. Nchindo o ne a nna mogogi wa Anglo American e neng e le ya ba De Beers, kompone ya Botswana ya meepo ya diteemane, e neng e filwe konteraka ke puso go rekisa diteemane tsa Botswana. Fa De Beers Botswana e ne e kopana le puso ya Botswana go aga Debswana ka ngwaga wa 1991, Nchindo o ne a nna mogogi wa yone wa ntlha. O ne a nna mogakolodi wa tautona ya Botswana le leloko la maemo la phathi e e busang ya Botswana Democratic Party.[5]

Dkgogakgogano le loso lwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Nchindo o nnile mo setilong sa boeteledipele kwa Debswana ka sebaka se seleele, mme a tlhoka kutlwisisano le tautona, o a neng a sa ntshafatsa dingwaga tsa gagwe tsa tiro ka ngwaga ya 2004. Morago ga go ithola marapo ka Lwetse 2004, Nchindo o ne a neelwa tlotla e e kwa godimo thata mo Botswana ya Presidential Order of Honour ke tautona wa pele wa Botswana Festus Mogae ka nako ya fa go ipelelwa boipuso le ntswa a e a seka a nna teng kwa moletlong o o.[3] Pele ga se, Nchindo o ne a kgatlhile leitlho la babega dikgang fa a ne a koba babereki ba Debswana ba le makgolo a mane, masome a marataro le bongwe go bo bane ba ngadile ditiro.[1]

Ka ngwaga wa 2008, Makaseterata wa Gaborone Lot Moroka o ne a sekisetsa Nchindo tshenyetso setshaba, tsheko e e ne e ntse e tsweletse ka nako ya fa a tlhokafala.[5] Ka nako ya tsheko, o ne a supa fa a rulagantse go adima tautona wa pele Quett Masire madi a sephiri go tswa kwa De Beers, se se baka tlhatlharuane ya sepolotiki.[1] O ne a rulaganyeditswe go itshupa kwa kgotlatshekelong ka Moranang a le malatsi a marataro ngwaga wa 2020 go arabela melato e le masome a mararo le borataro ya tshenyetso setshaba go tswa ka nako ya fa a simolola go nna moeteledipele kwa Debswana.

Nchindo o bonwe labofelo kwa marekisetsong a dinotagi maitseboa a kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a supa kwa Pandamatenga. Ka letsatsi la boferabobedi koloi ya gagwe e ne ya bonwa e lotletswe kwa motseselegaeng. Morago ga foo bokwagodimo jwa mmele wa gagwe bo ne jwa bonwa bo bodile bontlha bongwe gautshwane, gammogo le sesupo sa gagwe le tlhobolo.[1][2]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 The rise and fall of Nchindo. GIDEON NKALA & TSHIRELETSO MOTLOGELWA, Mmegi (Botswana). 12 February 2010.
  2. 2.0 2.1 Nchindo is dead,body discovered. GIDEON NKALA &TSHIRELETSO MOTLOGELWA. Mmegi Vol.27 No.23 , 12 February 2010.
  3. 3.0 3.1 Former Debswana chief receives top honour. Daily News (Gaboronne) 4 October 2004.
  4. Did De Beers cheat Botswana? – The Masire Factor Tempolete:Webarchive. Sunday Standard Reporter (South Africa). 18 January 2010
  5. 5.0 5.1 The rise and fall of Nchindo. GIDEON NKALA & TSHIRELETSO MOTLOGELWA, Mmegi (Botswana). 12 February 2010.