Sefikantswe Sa Dikgosi Tse Tharo

Go tswa ko Wikipedia

Sefikantswe sa dikgosi tse tharo ke mmetlwa oo dirilweng ka tshipi ya bronze mo bogare jwa toropo kgolo Gaborone mo Botswana. Mmetlwa o o supa dikgosi tse tharo( kgosi tsa morafe) ebong Khama III wa Bangwato, Sebele I wa Bakwena le Bathoen I wa Bangwaketse. Goatle go tshwarelwe mediro mo lefelong le jaaka Mmabontle wa go ipelela boipuso wa ngwaga wa 2008(2008 Miss Independence Botswana).[1] Dipatlisiso tse di dirilweng magareng ga kgwedi ya Firikgong le Phatwe ngwaga wa 2007, di supile fa sefikantswe se ele sone se etelwang thata ke bajanala mo Gaborone.[2]

Tlhaloso[fetola | Fetola Motswedi]

Sefikantswe se seakaretsa mmetlwa wa dikgosi tse tharo sa boleele jwa dimethara di le masome a matlhano le borobabobedi se se dirilweng ka tshipi ya bronze. Dikgosi tse ebong  kgosi KhamaIII, Sebele I le Bathoen I[3] ba  tshamekile karolo e tona mo go batleng kgololesegong ya lefatshe la Botswana. Ka ngwaga wa 1895,dikgosi tse tharo tse, baile ba tsamaya go kopana le mokwaledi wa makoko a mafatshe rre Joseph Chamberlain le Oueen Victoria kwa Great Britain go ba kopa go kgaoganya Bechuanaland Protectorate le Cecil Rhodes British South Africa Company le Southern Rhodesia (eleng Zimbabwe gompieno). Kopo ene ya atlega mme teseletso  ya letlelelwa, mme se sa raa gore lefatshe la Botswana le tswelela go nna kafa tlase ga mmuso wa Britain go fitlhela  ka ngwaga tsabo 1960s le tsaa boipuso.[4] Mealo e merataro ee ekwa maotong a mmetlwa, e na le tlhaloso ya dkgosi tse tharo tse.[3]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Sefikantswe se seile sa bulwa semmuso ka kgwedi ya Lwetsi e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boferabongwe ngwaga wa 2005, ke tautona wa nako eo wa lefatshe la Botswana ebong rre Festus Mogae. Letsatsi la ntlha la pulo semmuso sefikantswe se seile sa amogela baeng ba le makgolo a ferabobedi.[3] Go na le dikiletso ka sefikantswe se.  Go ne gona le ngangisano mabapi le go neela tiro kompone ya Mansudae Overseas Project ya North Korea gona le kompone ya kago ya mo gae.[3] Merafe e mengwe mo Botswana e bona kago ya sefikantswe se ele kgantelelo ya batho ba ba buang “Tswana” mo merafeng e mengwe.[5] Lenaneo la go ipha sefikantswe le ne la ngoka kopone tse pedi ebong GH Holdings le Komatsu Botswana go thusa  Botswana National Museum go  tlhokomela tiro e. Kompone tse di tla tlisa manno a itapoloso le matshwao mo lefelong kana mo sefikantswe se.[6]

North Korea mo Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

North Korea eo e itsagaleng ka leina la  Democratic People’s Republic of Korea (DPRK), ene e eme nokeng mafatshe a Aforika ale mokawana morago ga ntwa ya lefatshe ya bopedi, mo maitekong ago batla goikopanya le mafatshe a mangwe morago ga ntwa ya Korea( Korean War). Tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana rre Seretse Khama oile a etela Pyongyang dingwaga dile lesome morago ga tumalano kana tirisano mmogo mogo tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1976. Mafatshe a Aforika ale lesome le botlhano goakaretsa le la Botswana, a neetse kompone ya Mansudae Overseas Projects  kompone ya mafatshe eo  bontlha bongwe jwa yone eleng karolo ya Tumalano e feletse e neelwa kompone ya Mansudae  go aga sefikantswe sa dikgosi tse tharo.[7]

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

Ditso tsa Gaborone

Mmetlwa e meleele

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Botswana celebrates 42". Daily News. 2 October 2008. Archived from the original on 23 June 2012. Retrieved 23 June 2012.
  2. Cashing In On The 3 Dikgosi Statues?". The Botswana Gazette. 21 October 2007. Archived from the original on 23 June 2012. Retrieved 23 June 2012
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 Seretse, Gasebalwe (17 October 2008). "Monuments worth visiting". Mmegi. Archived from the original on 20 November 2011. Retrieved 22 June 2012
  4. Parsons, Neil (1998). King Khama, Emperor Joe and the Great White Queen: Victorian Britain through African Eyes. University of Chicago Press. ISBN 9780226647456.
  5. Gulbrandsen, Ørnulf (March 2012). "Chapter 1: The Development of Tswana Merafe and the Arrival of Christianity and Colonialism". The State and the Social: State Formation in Botswana and Its Pre-Colonial and Colonial Genealogies. New York City: Berghahn Books. p. 29. ISBN 9780857452979. LCCN 2011037469. Retrieved 22 June 2012.
  6. Molefe, Thato (1 March 2009). "Private sector responding to the Adopt a Monument campaign". Sunday Standard. Archived from the original on 23 June 2012. Retrieved 23 June 2012.
  7. People for profit : North Korean forced labour on a global scale / edited by Remco E. Breuker & Imke B.L.H. van Gardingen ; contributors Jan Blinka, Britt C.H. Blom, Marte C.H. Boonen, Klara Boonstra, Rosa Brandse, Remco E. Breuker, Imke B.L.H. van Gardingen, Larissa van den Herik, Tycho A. van der Hoog, Marieke P. Meurs, Cedric Ryngaert, Shannon R. Stewart, Anoma P. van der Veere. Remco E. Breuker, Imke B. L. H. van Gardingen, Jan Blinka, Britt C. H. Blom, Marte C. H. Boonen, Klara Boonstra. Leiden, The Netherlands. 2018. ISBN 978-90-826167-1-2. OCLC 1051240896.