Southern African Customs Union

Go tswa ko Wikipedia

Southern African Customs Union (SACU) ke lekgotla le le golagantseng mafatshe a a mo borwa jwa Aforika a le matlhano, ebong Botswana, Eswatini, Lesotho, Namibia le Aforika Borwa. Ntlokgolo ya lone e ka toropokgolo ya lefatshe la Namibia, Windhoek. Le simolodisitswe ka ngwaga wa 1910.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgotla la SACU ke lone lekgotla la tuediso makgetho le legologolo mo lefatsheng ka bophara.[1]

Lekgotla la ntlha la makgetho mo kgaolong e le simolotswe ka ngwaga wa 1889, gareng ga British Cape Colony le Orange Free State. Ka ngwaga wa 1891, British Bechuanaland le Basutoland ba ne ba nna maloko, ba salwa morago ke Bechuanaland Protectorate ka ngwaga wa 1893. Ka nako ya ditiragalo tse, batho ba lotso lwa Seburu kwa Aforika Borwa le lefatshe Swaziland (le ka nako e o le neng le le ka fa tlase ga puso ya Aforika Borwa) ba ne ba simolola lekgotla la tuediso makgetho ka ngwaga wa 1894.

Morago ga ntwa ya bobedi ya Maburu, le go simololwa ga taolo ya kolone ya Britain mo ditlhopheng tsa Maburu, go ne ga tlhamiwa Southern African Customs Union ka ngwaga wa 1903 fa go ne go bewa monwana kopano e ntsha e emisitsa ditumalano tsa pele. Lekgotla le ka nako e o le ne le akareditse Cape Colony, Basutoland, Bechuanaland Protectorate, Natal, Orange River Colony, Transvaal Colony le Southern Rhodesia. Lefatshe lwa Swaziland le nnile leloko ka ngwaga wa 1904, mme North-Western Rhodesia yone ya tsena ka 1905. Ka ngwaga wa 1906, tumalano e nngwe e ne ya bewa monwana e e neng e emisetsa tumalano e e dirilweng ka ngwaga wa 1903,mme ya tswelela ka maloko a pele. [2][3]

Maloko[fetola | Fetola Motswedi]

Botona jwa dinaga le palo ya batho mo mafatsheng a e leng maloko[4][fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe Botona jwa lefatshe (km)2[5] Palo ya batho
Botswana 581,730 2,630,296
Eswatini 17,360 1,201,670
Lesotho 30,360 2,305,825
Namibia 824,290 2,567,012
South Africa 1,219,090 59,893,885

Ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgotla le le kopana ngwaga mongwe le mongwe go tlhatlhanya ka dikgang tse di amang tumalano. Fa godimo ga foo, komiti ya Customs Technical Liaison, la Trade and Industry Liaison le la Ad hoc sub-committee on Agriculture a kopana ga raro ka ngwaga.

Maikaelelo a lone ke go netefatsa thekiso ya dithoto gareng ga mafatshe a a leng maloko a lone ntle le go lopiwa dituelo dipe. Le letla gore go nne le ditlhwatlhwa tse di tshwanang mo kgaolong e. Dithoto tsotlhe tse di amogelwang mo kgaolong eo di duelelwa mo letloleng la South Africa's National Revenue Fund. Letseno le la madi le amoganwa ke mafatshe a maloko go ya ka tumalano ya bone. Lefatshe la Aforika Borwa ke lone le tlhokometseng letlole le.

Kitso Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "WTO - Trade policy review - Southern African Customs Union 2003". wto.org. Retrieved 6 April 2018.
  2. Brief Chronology of Customs Southern Africa, 1855-1979 by Derek J. Hudson, Botswana Notes and Records, Vol. 11
  3. "Institute for Global Dialogue" (PDF). igd.org.za. Retrieved 6 April 2018.
  4. "Population by sex, annual rate of population increase, surface area and density" (PDF). United Nations Statistics Division: 1–2. Retrieved 27 January 2017.
  5. World Bank. 2022. Land area (sq. km) - South Africa, Botswana, Lesotho, Namibia, Eswatini. https://data.worldbank.org/indicator/AG.SRF.TOTL.K2?end=2021&locations=ZA-BW-LS-NA-SZ&start=2021&type=shaded&view=map&year=2020 Date of access: 9 July 2023