Daniel Kwelagobe

Go tswa ko Wikipedia

 

Daniel Keatametse Kwelagobe (o tshotswe ka di 1 Lwetse 1943) e ne e le Modulasetilo wa Botswana Democratic Party mme pele o ne a dira e le Tona ya Merero ya Ofisi ya ga Tautona makgatho a le mabedi.[1] O ne a tsena Sekolo se segolwane sa Gaborone Secondary School, mme go tloga ka 1968 o ne a dira tiro ya bobegadikgang pele ga a simolola tiro ya gagwe ya sepolotiki fa a ne a tsena mo Lekgotleng mme a nna Tona ya Kgwebo le tsa papadi, Tona ya Puso ya Tirelo ya Setšhaba, Tshedimosetso le Kgaso, mmogo le go direla jaaka Tona ya tsa mesepele tlhaeletsano, temothuo le matlo mo tirong ya gagwe.

Kwelagobe e ne e le Mothusa Mokwaledi Mogolo wa Lekoko lla gagwe go fitlha a nna Mokwaledi-Mogolo ka 1981,morago a nna tona ya Badiri le Merero ya Selegae go tloga ka 2000 go fitlha ka 2002.[2] Gape o ne a direa e le Tona ya tsa ofisi ya ga Tautona le tsa Setšhaba go fitlhela Tautona Ian Khama a mo koba ka Moranang 2009.[3]

Dintlha[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Mr Daniel Kwelagobe". Africa Confidential. Retrieved 2009-10-18.
  2. "Hon. Minister Daniel Kwelagobe's PROFILE". UK Parliament Offices. Archived from the original on 2011-07-06. Retrieved 2009-10-18.
  3. "Botswana: Cabinet minister dropped". Archived from the original on 29 March 2012. https://web.archive.org/web/20120329060908/http://www.africanews.com/site/Botswana_Cabinet_minister_dropped/list_messages/24169. Retrieved 19 December 2010. 

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]