Jump to content

Dumelang Saleshando

Go tswa ko Wikipedia
Dumelang Saleshando
Leader of the Opposition of Botswana
Assumed office
5 November 2019
Pele Ga GagweDuma Boko
Vice-president of UDC
Pele Ga GagweSidney Pilane
Leader of BCP
Pele Ga GagweGilson Saleshando
Ka Ga Ena
O tsetswe13 September 1971
Mosetshaba waMotswana
MokgatlhoUDC
Mo/BakapeloDineo Saleshando

Dumelang Saleshando ke mopolotiki yo o tswang kwa lefatsheng la Botswana yo e leng Moeteledipele wa Kganetso ya ko lefatsheng la Botswana.

Botshelo jwa gagwe le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Saleshando o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le boraro,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bongwe, ke ngwana wa bothano mo barweng ba ga Rre Gilson Saleshando,o a neng ele mopolotiki, le Keatlaretse Rre Dolly Saleshando yo eneng ele، mooki.[1] O tsene dile malwa nyana, a golela kwa Kanye, Lobatse, Selebi-Phikwe[1] gape a golela mo Kerekeng ya Seventh-day Adventist. O feditse dithuto tsa gagwe kwa St Joseph's College, koo a neng a nna leloko la Botswana Socialist Youth, pele ga a ikwadisa mo dikirii ya itsholelo le maranyane a sepolotiki kwa Yunibesithing ya Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bobedi.[1][2]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Saleshando o nyetse Mme Dineo ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi ba na le barwa ba le babedi le morwadi a le mongwe. Ngwana wa gagwe wa mosimane Loago Saleshando ke ngwana yo o tlwaelegileng yo o tshamekang tenese mme o tsewa e le mongwe wa batshameki ba maemo a a kwa godimo ba Botswana.[2][1]

Morago ga dithuto tse dikgolwane, Saleshando o ne a tsena mo First National Bank Botswana jaaka motsamaisi yo o thapilweng mme o ne a ntshiwa ka bonako ka ntlha ya go senola molaetsa ka ga madi a lekoko le le busang.[1] Ka ngwaga wa wa dikete tse pedi le boraro , Saleshando o ne a simolola letsholo la go batla setilo sa palamente sa Gaborone Central mo toropokgolo Gaborone. Setilo se ne se tshwerwe pele ke Michael Dingake, yo e kileng ya bo e le moeteledipele wa Botswana Congress Party. Saleshando o ne a tlhophiwa go nna leloko la palamente ya Gaborone Central morago ga go fenya Dr Margaret Nasha ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone .[1] O ne a tlhophiwa gape go nna Leloko la Palamente mo kgaolong e e neng ele mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe mme a tlhophiwe go nna Tautona wa lekoko a sa ganediwe ka kgwedi ya Phatwe, ngwaga wa dikete tse pedi le lesome, morago ga gore rraagwe, Gilson Saleshando a tlogele go nna moeteledipele wa lekoko.

Pele ga a tsaya maemo a boeteledipele jwa BCP, o ne a direla mo Komiting ya Bogare ya lekoko ele Mokwaledi wa Tshedimosetso le Papatso. Rraagwe kwa tshimologong o ne a le kgatlhanong le gofenywa ke morwawe, a go sepe se se neng se siame batho ba le bantsi ba dumela gore phathi e ne e laolwa ke losika lwa segosi. O ne a tlogela fa batho ba le mmalwa mo phathi ba ne ba tshegetsa Saleshando yo mmotlana go tsaya maemo.[3] O ne a fenngwa mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone ke Phenyo Butale wa mokgatlho o o kopaneng wa Umbrella for Democratic Change ka fa tlase ga Botswana Movement for Democracy.

  1. 1 2 3 4 5 6 Ntibinyane, Ntibinyane (23 October 2014). "Dumelang through the eyes of acquaintances". Mmegi Online. Retrieved 16 June 2016.
  2. 1 2 Nkomo, Ndaba (9 April 2011). "A day with Dumpling". Mmegi Online. Retrieved 16 June 2016.
  3. Mehler, Andreas; Melber, Henning; Walraven, Klaas (2011). Africa Yearbook Volume 7: Politics, Economy and Society South of the Sahara in 2010. Brill. p. 448. ISBN 9789004205567.