Kasane Airport

Go tswa ko Wikipedia

Kasane International  Airport ( IATA: BBK, ICAO:FBKE) ke lebala la difofane lele thusang toropo ya Kasane e e mo kgaolong ya Chobe. Lebala le la difofane le agilwe go bapa le tsela ya A33 dikilomethara dile nne mo borwa jwa toropo le dikhilomithara dile nne mo borwa jwa molelwane le lefatshe la  Namibia. Kompone e tona ya difofane mo Botswana ya Air Botswana e tlisa ditirelo tsedi rulaganyeditsweng ma gareng ga toropo tsa Kasane le Gaborone ka bo Labobedi,Labotlhano le disontaga. Ditlamo tsa difofane kago farologana di thusa ka ditirelo tsa difofane go ya kwa mafelong a farologaneng aa mo tikologolong. Go bo lebala le le gaufi le lefelo la diphologolo la Chobe National Park, le dirisediwa thata bojanala. Bontsi jwa ditirelo tsa go ja le go roba sego mo Kasane dina le dipalamo tse di tsayang le go isa batho kwa lefelong le. Gona gape le buse ee tsayang batho go ya kwa Victoria Falls  kwa Zambia le Zimbabwe.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Maemolo a gompieno a selekanyo sa 7,800m2 (84 000sq ft) a butswe ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bobedi ngwaga wa 2018, a emisetsa kago ya pele ya selekanyo sa 1.300m2 (14,000sq ft) e e neng e butswe ka ngwaga wa 1991.[1]

Difofane le Bogorogelo/Mafelo[fetola | Fetola Motswedi]

Airlines Destinations
Air Botswana Gaborone, Johannesburg - O.R Tambo, Maun
Airlink Johannesburg -O.R. Tambo

Charter Operators[fetola | Fetola Motswedi]

Wilderness Air- Windhoek to Kasane[2]

Moremi Air Services

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

Dipalamo mo Botswana

Maemelo difofane mo Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Unathi, Nkanjeni (22 February 2018). "PICS: Upgraded Kasane International Airport in Botswana ready to welcome visitors". Traveller24. Retrieved 12 June 2019
  2. Wilderness Air  » Botswana". www.wilderness-air.com. Retrieved 20 August 2018

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

OurAirports- Kasane

Skyvector- Kasane

Kasane Airport information

Accident history for Kasane Airport at Aviation Safety Network

Current weather for Kasane Airport at NOAA/NWS