Jump to content

Kgosi Bathoen Gaseitsiwe

Go tswa ko Wikipedia
Bathoen Gaseitsiwe
Tsalo18 May 1908
Leso3 Diphalane 1990(1990-10-03) (aged 82)
Gaborone, Botswana
LetsoMotswana
Office2nd Leader of the Opposition
MosadiMmafane Ester Ketimetse Gaseitsiwe[1]
(died 1966)
Bana5[1]

Kgosi Bathoen Seepapitso Gaseitsiwe [2] o o itsegeng gape ka leina la Bathoen wa bobedi (Bathoen II), o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome le boferabobedi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le borobabobedi (1908), mme a tlhokafala ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a le mararo ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe (1990). O ne a le kgosi, moatlhodi, lepolotiki, le kgosikgolo ya Bangwaketse go tswa ka ngwaga ya sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le borobabobedi (1928) go tsena ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe (1990). O berekile ele modulasetilo wa Botswana National Front (BNF) go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966) go tsena ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le botlhano (1985), moeteledipele wa diphathi tsa kganetso go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969) go tsena ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984) gape e le moeteledipele wa kgotlatshekelo go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le botlhano (1985) go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe (1990). O ne a emela kgaolo ya botlhophi ya borwa jwa Kanye kwa palamenteng makgetho a le mararo. Ka nako e a neng a le moeteledipele wa BNF e e neng e le yone phati ya polotiki ya bobedi ka botona mo lefatsheng, o ne a le moganetsi mogolo wa puso ya Botswana Democratic Party (BDP), e e neng e eteletswe pele ke Seretse Khama le Quett Masire ka dingwaga tse pedi tse dilesome ka nako ya lefatshe le tsaya boipuso.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsene dikolo mono gae, mme a tloga a romelwa kwa Aferika Borwa go tswa ka ngwaga ya 1919 go tsena ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le bosupa (1927) go ya go tsweledisa dithuto kwa Tiger Kloof le kwa Lovedale Missionary Institute,[3] Bathoen II o ne a tsaya bogosi jwa morafe wa Bangwaketse ka ngwaga wa sekete ,makgolo a robabongwe le masome a mabedi le borobabobedi (1928). O berekile thata le Tshekedi Khama, Kgosi ya Bangwato ka nako ya fa ba lwela kgololesego mo go Mmamosadinyana.[4] O ne a le kgosi ebile a le modulasetilo wa khansele e e gakololang.[5] Jaaka moganetsi wa ga Seretse Khama le phathi ya BDP, Bathoen lefa a ne a le sebete se molangwana, o ne a baya monwana tumalano ya molaomotheo wa lefatshe le go tsaya boipuso ga lefatshe la Bechuanaland go tswa mo go la United Kingdom ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966) kgwedi ya Lwetse.


Ka a ne a sa itumelele se a neng a bona e le go dirisa botlhaswa nonofo ya bogosi mo lefatshing le go itlhaganelela go tsisa puso ya batho ka batho ka fa tlase ga puso ya ga Khama, Bathoen o ne a ithola marapo mo bogosing ka ngwaga wa sekete ,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969) kgwedi ya Phukwi e tlhola gangwe, morago ga go busa dingwaga di le masome a mane, mme a emela botautona a le mo phathing ya BNF ka ditlhopho tsa ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969). Le ntswa BDP e ne ya tsaya puso gape, Bathoen o ne a fenya ntlhopheng wa mothusa tautona Quett Masire kwa Kanye South ka palo e e kwa godimo, a ipaya pele jaaka moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng.[6][7]


Bathoen o ne a tshwarelela maemo a moeteledipele wa kganetso mme a boa a tlhophiwa gape kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) le ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe (1979).[8] Ka nako ya gagwe, o ne a gogagogana le Kenneth Koma ka bogogi jwa phathi, o e neng e le leloko la ntlha la phathi e o. Ka nako ya bogogi jwa ga Bathoen, diphathi tsa kganetso di ne di iphitlhela di thibeletswe fela mo go tsa merafe mme di sa kgone go itsetsepela kgatlhanong le BDP. Bathoen o ne a ikgogela morago kwa palamenteng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone (1984),a sutela tlhopho ya ga Koma jaaka moeteledipele wa kganetso. O ne a tlhomiwa tautona wa kgotlatshekelo ngwaga o o latelang, maemo a o o nnile mo go one go fitlhelela a tlhokafala.[9] O ne a tswelela ka go tshwayadiphoso puso le boeteledi jwa ga Koma kwa BNF, a rotloetsa go simolodisiwa ga Botswana Freedom Party (BFP) ka ngwaga wa 1980, le ntswa a ne a seka a nna moeteledipele wa yone. O ne a tlhokafala ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bobedi (1992), ka kgwedi ya Phalane a le malatsi a mararo a le dingwaga di le masome a ferabobedi le bobedi.

  1. 1 2 Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "Mmegi".
  2. ↑ Keboetswe, Seane Ramaologa (12 August 2011). "The noblest man that ever lived in the tide of times, Kgosi Bathoen II". Mmegi.Retrieved 22 April 2023.
  3. ↑ Gates, Henry Louis; Akyeampong, Emmanuel; Niven, Steven J. (2011). "Bathoen, II Seepapitso Gaseitsiwe (1908–1990)". Oxford Reference. Retrieved 27/09/2023.
  4. ↑ Government Printer (2010). 2001 Population Housing Census Events Calendar. Gaborone, Botswana: Central Statistics Office. p. 30. ISBN 99912-1-372-4.
  5. ↑ "Evolution of the House of the Chiefs". Ntlo ya Dikgosi. 2022. Retrieved 27 September 2023.
  6. ↑ Polhemus, James H. (1983). "Botswana Votes: Parties and Elections in an African Democracy". The Journal of Modern African Studies. 21 (3): 397–430. ISSN 0022-278X.
  7. ↑ Winstanley, G. (1969). Report on the General Elections 1969 (PDF). Supervisor of Elections. p. 55.
  8. ↑ P.L., Steenkamp. Report to the Minister of State on the General Elections, 1974 (PDF) (1974 ed.). Botswana Supervisor of Elections. p. 19.
  9. ↑ "EISA Botswana: The October 1989 General Election". www.eisa.org. Retrieved 22 April 2023.