Molalatau

Go tswa ko Wikipedia
Molalatau is located in Botswana
Molalatau
Lefelo la Molalatau

Molalatau ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa kwa bolhaba jwa nko ya Botswana, mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le Zimbabwe gape le Aforika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,788 tsa batho. Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa.[1]

Molalatau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong . Banni ba Molalatau ke Babirwa gape ba bua puo ya sebirwa ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya lefatshe mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya Limpopo le Motloutse. Ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga Mmamosadinyana go fa kompone ya British South Africa Company e eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya Limpopo mo teng ga Botswana ke Khama III.

Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-08.

Coordinates: 22°4′25″S 28°35′54″E / 22.07361°S 28.59833°E / -22.07361; 28.59833