Trans-Kalahari Corridor

Go tswa ko Wikipedia

Trans-Kalahari Corridor ke tsela e tona e e tshetsweng sekonotere e e amanyang Walvis Bay le Windhoek kwa Namibia le Pretoria kwa Gauteng Aforika Borwa, e feta ka Botswana. Go aga tsela e go lopile madi a a ka nnang kana ka di milione di le makgolo a robabobedi le masome a matlhano a di dolara tsa Namibia, e ne ya bulwa semmuso ka ngwaga wa 1998.[1][2]

Tsela e e akaretsa diporo tse pedi;santlha se tswa kwa Walvis Bay go ya bokgala jwa Gobabis kwa Namibia, le go tswa Johannesburg go ya bokgala jwa toropo ya Lobatse kwa Botswana.[1] Dipuisanyo di sale di tshwarwa ka ngwaga wa 2010 mabapi le go lomaganya diporo tse pedi tse. Tumalano gareng ga mafatshe a mabedi a e ne ya bewa monwana ka ngwaga wa 2014, mme se se padisitswe ke itsholelo.[2][3]

Tsela ya Maputo e lomaganya Gauteng le Maputo kwa Mozambique. Ditsela tse ka bobedi jwa tsone di dira makopanelo gare ga Walvis Bay kwa lewatleng la Atlantic le Maputo kwa lewatleng la Indian, makopanelo a itsege e le tsela ya ditlhabololo ya Walvis Bay-Botswana-Gauteng-Maputo.[4]

Tsela[fetola | Fetola Motswedi]

Tsela ya Walvis Bay-Windhoek-Lobatse-Pretoria-Maputo ke tsela ya bo masome a mane mo mafaratlhatlheng a ditsela a Southern African Development Community.

Tsela e e simolola kwa toropong ya Coastal ya Walvis Bay, e leba kwa bokone kwa tsela ya B2 e e yang Swakopmund e lebang kwa botlhabatsatsi. E leba kwa botlhabatsatsi fa e tswa kwa Swakopmund, e feta ka Karibib, e ya toropong ya Okahandja (sekgala sa dikilomitara di le makgolo a mabedi le masome a ferabongwe), ko e tla bong e goroga kwa e kopanelang teng le tsela ya B1. Kwa makopanelong a, tsela ya B2 e ya felela go simologe ya B1 go ya borwa. Lefelo lotlhe go tswa kwa Walvis Bay go ya Okahandja e tlhakanetswe le ya Walvis bay-Ndola-Lumubashi.

Go tswa Okahandja e leba borwa mo tseleng ya A1 dikilomitara di le masome a supa kwa toropokgolo ya Namibia ebong Windhoek kwa e kopanelang teng le ya B6. Kwa makopanelong a, tsela e e nna ya B6 go ya botlhaba. Go tswa Okahandja go ya Windhoek e kopanetse le ya Tripoli-Cape Town.

Go tswa Windhoek, tsela e e leba botlhaba e le B6 dikilomitara di le makgolo a mararo,lesome le botlhano go ralala Gobabis go ya molelwaneng wa toropo ya Buitepos, kwa e kgabaganyang molelwane go ya botlhaba go tsena kwa Botswana ele tsela ya A2. Go tswa kwa Buitepos, tsela e e leba borwa botlhaba ele tsela ya A2 dikilomitara di le makgolo a supa le masome a matlhano go ralala Jwaneng go ya molelwaneng wa Lobatse, tsela e e kgabaganya molelwane wa setshaba e lebile botlhaba go tsena ka lefatshe la Aforika Borwa e le tsela ya N4.

Go tswa Skilpadshek tsela e leba botlhaba e le tsela ya N4 dikilomitara di le makgolo a mabedi le masome a ferabobedi le botlhano go ralala Rustenburg go ya Tshwane toropokgolo ya Aforika Borwa kwa tsela ya Trans-Kalahai e felela teng kwa marakanelong le ya N1. Tsela ya N4 e tswelela kwa botlhaba go tswa Tshwane go goroga kwa molelwaneng wa Mozambique kwa Komatipoort kwa bofelelong jwa tsela ya Walvis Bay go ya Maputo.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Trans-Kalahari Corridor".Walvis Bay Corridor Group. Retrieved 3 June 2012
  2. 2.0 2.1 Tjitemisa,Kuzeeko.(16 February 2017)."Trans-Kalahari railway line on track".Lela.Archived from the original on 22 June 2017.
  3. "The Trans-Kalahari Railway Line Project is not viable".(26 October 2016).Mmegi Online.Archived from the original on 28 October 2016.
  4. Guy Arnold.(2000)."The New South Africa".Palgrave Macmillan.2000.p 188.ISBN 9780312235178.