Matlapeng Ray Molomo

Go tswa ko Wikipedia

Matlapeng Ray Molomo (o tshotswe ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le borobabongwe ka ngwaga wa 1930 mme a tlhokafala ka ngwaga 2019 ka kgwedi ya Sedimonthole) kwa Mochudi, Botswana. E ne e le morwa Sefako-Aaron Pilane le Mmathuba-Jane Pilane. [1]

Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Molomo o dirile dithuto tsa gagwe tse dikgolwane tsa go ithutela tiro kwa Yunibesithi ya Aforika Borwa kwa Pretoria, Aforika Borwa ka ngwaga wa 1956. O ne a tloga a tswelela a ya go ikiketsa kwa Yunibesithi ya Rhodes e ntse e le gone kwa South Afroca mme a tloga a ya go tsena Yunibesithi ya Ottawa

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Matlapeng Ray Molomo e ne e le radipolotiki wa lefatshe la Botswana.[2] E ne e le Modulasetilo wa Khuduthamaga ya Botswana ka 1999-2004, ebile gape e le leloko la Palamente ya Pan-African.[3] E ne e le tona ya Kabinete, Leloko la Palamente, Mokwaledi wa sennelaruri, Mokwaladikgang yo o kwa tlase, Motlhatlheledi wa Thuto, Mogokgo wa sekole sa thuto ee fa godimo ya kholeije, Mmatlisisi, Morutabana wa Yunibesithi, Mokwadi le Poresidente wa Botswana Football Association. Kgang ya go godisiwa ga gagwe ga e farologane le ya mosimane yo o tlwaelegileng wa Motswana wa dingwaga tse di fetileng, yo o goletseng mo gare ga basimane ba bagolwane kwa morakeng wa dikgomo a tlhokomela dikgomo tsa ga rraagwe.


Matlapeng Ray Molomo le ene ke mokwadi wa dibuka tsa Setswana. O kwadile dibuka tse di tshwanang le Sebaga sa Lorato, motshameko o o neng wa dirisiwa ke Botswana examination ka nakwana. O kwadile buka e e bidiwang Democratic Deficit in Parliament of Botswana ka 2012 ka ga dipelaelo tse di amanang le tsela e Khuduthamaga e bonalang e thulana le Boatlhodi le Palamente. Buka e gape e neela tshekatsheko ya tse di fetileng ka ga tshimologo le pontsho ya Palamente ya Botswana.


E ne e le moeteledipele (President) wa Botswana National Front, mme moragonyana o ne a fetogela kwa Botswana Democratic Party.[4][2]

Molomo e ne e le mongwe wa Bakgatla ba ba neng ba tsenya kopo e tseneletseng ka 2013, gore go tlhomiwe yo o tla emelang Kgosikgolo Kgafela mo setilong sa bogosi. E re le ntswa Bakgatla ka bontsi ba ne ba ka dire se, Molomo ene o ne a supa fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe ke ka moo a ne a ntsha la gagwe.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Matlapeng Ray Molomo https://prabook.com/web/matlapeng_ray.molomo/3470092 Retrieved 19th October 2022
  2. 2.0 2.1 http://www.dailynews.gov.bw/news-details.php?nid=53668
  3. Former Speakers of Parliament, Official website of the Parliament of Botswana
  4. "Subscribe to the Sunday Standard | Sunday Standard". 12 August 2020.
  5. Ray Molomo did what few dared do – speak truth to royal power Sunday Standard. 14th January 2020 Retrieved 19 October 2022

Tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]