Molapo wa Motloutse

Go tswa ko Wikipedia
Motloutse river
Mouth22°13′32″S 29°01′03″E / 22.225488°S 29.017614°E / -22.225488; 29.017614Coordinates: 22°13′32″S 29°01′03″E / 22.225488°S 29.017614°E / -22.225488; 29.017614

Molapo wa Motloutse ke molapo o o kwa lefatsheng la Botswana, o o tshelang kwa molapong wa Limpopo. Lefelole le bayang metsi mo go one le botona jwa dikilomitara di le dikete tse di lesome le boferabongwe le masome a matlhano le boraro. Letamo la Letsibogo le le kwa Motloutse le agetswe go nosa toropo ya madirelo ya Selebi-Phikwe le metse e e mabapi ka kgonagalo ya go dirisediwa go nosetsa.[1]

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipatlisiso mo lefelong leo tse di neng tsa dirwa ka Ferikgong ngwaga wa 1989, pele ga letamo le agiwa, di supile fa go na le mefuta ya dinonyane ele lekgolo le masome a mabedi bontsi ele tse di jang ditshidinyana. Palo e ntsi ya dinonyane tse di nnang mo metsing e bonwe koo ka go na le makadiba a sennela ruri kwa molapo wa Motloutse o kopanang le wa Letlhakane teng. Ga go gakgamatse gore bonwe dinonyane tseo mo lefelong leo.[1] Pele ga letamo le agiwa, mefuta e le metlhano le go feta ya ditlhapi di ne di fuduga go tswa kwa Limpopo go ya molapong wa Motloutse ka dinako tsa merwalela. Letamo la Letsibogo le solofetswe go bo le nna le palo e ntsi ya ditlhapi tsa sennela ruri jaaka letamo la Shashe.

Motswedi wa metsi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga pula e na ka selekano sa dimilimithara di le makgolo a mane le masome a mararo, fa metsi a fetoga go nna mouwane ka selekanyo sa dimilimitara di le dikete tse pedi. Molapo o o tletse ka motlhaba ebile ga o nne le metsi ka dinako tsotlhe ka ntata ya go fetoga ga metsi go nna mouwane, o nna le metsi fela ka nako ya dipula. Pula le yone ga e ikanyege, ka go solofelwa 40% mo ngwageng e le nngwe ya tse supa. Metsi a elela dimithara di le dimilione tse di sekete le lekgolo le bongwe.

Metswedi ya ditswammung[fetola | Fetola Motswedi]

Go epiwa ga gouta fa melapong ya Motloutse le Limpopo go simolotse ka ngwaga wa 1200 ka dinako tsa rona, ka nako e toropokgolo ya Great Zimbabwe e neng e santse e busa.[2] Gouta e ne ya bonwa ka ngwaga wa 1860 go bapa le toropo ya Francistown, kwa bokone jwa molapo o, go baka tshologelo ya digauta mo Aforika. Diteemane tsa ntlha go bonwa mo Botswana e ne e le matlapa a mararo a mannye a a bonweng ka ngwaga wa 1959 ke ba Central African Selection Trust mo lokgabaneng kwa molapong wa Motloutse go bapa le Foley Siding. Setlhopha se se boneng diteemane tse se ne sa dira dipatlisiso mo molapong o go fitlhelela kwa o felelang teng mme ba seka ba bona motswedi wa tsone. Ka ngwaga wa 2004, moithuti wa maje Leon Daniels o ne a lemoga go lefatshe go tswa kwa Bulawayo kwa Zimbabwe go tsena ka borwa jwa Botswana le wetse kwa teng. O ne a akanyetsa fa go wela tlase mo go ka supa fa molapo wa Motloutse o ka tswa o kile wa bo o tlala thata go ya kwa bophirima. Moragonyana o ne a bona kimberlite ya Orapa e kgolo.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Bevanger,Kjetil.(December 1994)."The North-South Carriér Water Project in Botswana".Trondheim.ISBN 82-426-0531-9.Retrieved 2012-09-17.
  2. Denbow,James Raymond;Thebe,Phenyo C.(2006)."Culture And Customs of Botswana".Greenwood Publishing Group.ISBN 978-0-313-33178-7.Retrieved
  3. Daniels,Dr Leon.September 2004."First diamonds in Botswana".Rough Diamond Review.Retrieved 2012-09-17.