Setshele I

Go tswa ko Wikipedia
Sechele I
Sechele
Portrait taken by German anthropologist Gustav Fritsch at Ntsweng (nowadays, Old Molepolole) in 1865.[1]
TsaloCirca 1812
LesoTempolete:Death year and age
Resting placeTribal Cemetery at Molepolole[2]
TitleKgosi of the Bakwena
Term1831 – 1892[3]
PredecessorMotswasele II[4]
SuccessorSebele I[3]
BanaThree sons: Kgari, Sebele and Tumagole.[2]
Mission house in Molepolole

Sechele I a Motswasele "Rra Mokonopi" o o itsegeng ka leina la Setshele, o tshotswe ka ngwaga wa 1812 mme a tlhokafala ka ngwaga wa 1892. E ne e le moeteledipele wa morafe wa Bakwena ba lefatshe la Botswana.O ne a sokologa go nna mokeresete ke David Livingstone, mme mo tirong ya gagwe ya boeteledipele a nna morongwa mo bathong ba gagwe le mo ma Aforikeng a mangwe. Go ya ka Stephen Tomkins o o kwadileng ka botsheo jwa ga Livingstone, Sechele e ne e le ene fela moAforika o Livingstone a mo sokololetseng kwa bokereseteng, le ntswa Livingstone a ne a bolela fa Sechele a ne a wa tumelong.[5] Sechele o ne a etelela pele setlhopha sa Batswana (Bakwena, Bakaa, Balete, Batlokwa) ka nako ya ntwa ya Dimawe ka ngwaga wa 1852.

Botshelo jwa gagwe a santse a le monnye[fetola | Fetola Motswedi]

Sechele o tshotswe ka ngwaga wa 1812, e ele morwa-a kgosi ya Bakwena ba Batswana kwa lefatsheng le janong le bidiwang Botswana.[5] Fa a le dingwaga di le lesome, rragwe o ne a bolawa mme bogosi jwa morafe jwa kgaoganngwa ka bo malomaagwe. Sechele le balatedi ba gagwe ba ne ba siela kwa setlhaketlhakeng.[5] O ntse dingwaga dingwe a nna le Bangwato a nyala Mokgokong, morwadia kgosi Kgari.[6] Ka ngwaga wa 1831 o ne a atlega mo go tseyeng setilo mo go mongwe wa bo malomaagwe a nna kgosi ya bontlha bongwe jwa Bakwena.[5]

Go sokologa[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1847 Sechele o ne a kopana le David Livingstone kwa Tshwane. Ene le batho ba gagwe ba ne ba tsamaya le morongwa kwa nokeng ya Kolobeng kwa Livingstone a neng a tlhomile Kolobeng Mission.[7] Go agiwa ga di mission nako tse dingwe go ne go tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba mo gae ka barongwa ba ne ba ba fa ditlhobolo le marumo, mo go neng go baya mo maemong a a botoka mo baagisaneng ba bone ba ba senang ditlamelo tseo.[5]


Sechele o ne a nyoretswe go ithuta go bala le go kwala ebile a le moithuti oo tlhaga, a ithuta ditlhaka tsa alfabete mo malatsing a le mabedi. O ne a nyorelwa go ithuta mo a neng a tsoga mo mosong go fitlhola pele ga letsatsi le tswa. Fa a setse a itse go bala, o ne a ruta basadi ba gagwe go bala. Buka e e neng e le teng fela ka puo ya Setswana ka nako e o e e ne e le baebele.[5] Morago o ne a romela bana ba gagwe ba batlhano go a go rutiwa ke morongwa o mongwe Robert Moffat kwa Kuruman.[8]


Sechele o itemogetse dikgogakgonano tse dintsi magareng ga setso le sekerete. O ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro ya gagwe ya go nesa pula. O ne a gogagona le Livingstone ka lonyalo lwa gagwe le basadi ba le batlhano. Pele Livingstone o ne a sa ikaelela go bua ka kgang e,[9] mme barongwa ba bangwe ba mo rotloetsa go dira jalo, o ne a mmolelea go kgaogana le basadi ba le bane mo go ba le batlhano.[10] Sechele o ne a dira jalo, ka go en go sena sepe gape se se mo kgoreletsang, o ne a kolobediwa ka ngwaga wa 1848.

Morago ga go kgaogana le basadi a bo a kolobediwa, mongwe wa basadi ba a kgaoganeng le bone o ne a itsholofela ka ngwana wa gagwe. O ne a bolaya motho wa kwa Europa.[11] Ditlamorago tsa seo ya nna gore Livingstone a mo kgaole mo sekereseteng,[5] le ntswa Sechele a ne a ikotlhaile. Sechele o ne a bolelela Livingstone gore ga a kitla a tlogela Jeso, are ba tla ema fa pele ga gagwe mmogo.[5]


Ka nako ya bokopano jwa bone, Livingstone o ne a kopa Sechele go agisana le malomaagwe o neng a busa sephatlo se sengwe sa Bakwena. Sechele o ne a romelela malomaagwe mpho ya marumo. Malomaagwe o ne a le sebete se molangwana mme a tshuba marumo ao a a neng a baka loso lwa gagwe, mme Sechele a agisanya morafe.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Dietrich, Keith; Bank, Andrew, eds. (2008). An Eloquent Picture Gallery: The South African Portrait Photographs of Gustav Theodor Fritsch, 1863-1865 (PDF). Auckland Park, South Africa: Jacana Media. p. 98. ISBN 978-1-77009-641-7. Retrieved 21 March 2013.
  2. 2.0 2.1 Sekgarametso (2001). "An archaeological survey of Ntsweng in Molepolole" (PDF). Pula: Botswana Journal of African Studies. Educational Book Service. 15 (1): 23–45. ISSN 0256-2316. Retrieved 22 March 2013.
  3. 3.0 3.1 Lipschutz, Mark R. (1989). Dictionary of African Historical Biography. Berkeley, CA, USA: University of California Press. p. 117. ISBN 9780520066113.
  4. Parsons, Neil (1998). King Khama, Emperor Joe, and the Great White Queen: Victorian Britain Through African Eyes. Chicago, USA: University of Chicago Press. pp. 37–42. ISBN 9780226647456. sebele botswana 1892.
  5. 5.0 5.1 5.2 5.3 5.4 5.5 5.6 5.7 5.8 Tomkins, Stephen (19 March 2013). "The African chief converted to Christianity by Dr Livingstone". BBC Magazine. Retrieved 19 March 2013.
  6. Sillery, Anthony (1974). Botswana, a short Political History. Methuen & Co Ltd. p. 33. ISBN 0416756506.
  7. Sillery, p. 27
  8. Livingstone, David (11 February 2006). "Missionary Travels and Researches in South Africa" (Memoir). Archived from the original on 19 May 2007. Retrieved 19 March 2012. (Chapter 6)
  9. Article by Fideles Nkomazana in Gerald O. West, Musa W. Dube Shomaha (2000) THe Bible in Africa: Transactions, Trajectories, and Trends.
  10. Tomkins, Stephen (2013). David Livingstone, The Unexplored Story. Lion Hudson.
  11. Tomkins, Stephen (2013). David Livingstone, The Unexplored Story. Lion Hudson.