Gladys Kokorwe

Go tswa ko Wikipedia
Gladys Kokorwe
Speaker of the National Assembly
of Botswana
In office
12 November 2014 – 5 November 2019
Pele Ga GagweMargaret Nasha
Morago Ga GagwePhandu Skelemani
Ka Ga Ena
O tsetswe (1947-11-28) 28 November 1947 (age 76)
Cape Town, South Africa
MokgatlhoBDP

Gladys Kokorwe ke mme wa lepolotiki o o kileng a nna molaola dipuisano kwa palamenteng go tswa ka ngwaga wa 2014 go tsena ka wa 2019.O tshotswe ka ngwaga wa 1947 kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le masome a mabedi.[1] Ke leloko la Botswana Democratic Party (BDP).[2]

Pele ga a tsenelela dipolotiki, Kokorwe e ne ele mmereki wa ga Goromente. O ne a tlhophiwa go ya palamenteng ka ditlhopho tsa 1994 tsa sechaba, mme a bereka e le mothusa tona ka puso ya ga Festus Mogae go tswa ka 1999 go tsena ka 2004.[3] O ne a nna mothusa motsamaisa dipuisano go tswa ka 2004 go tsena ka 2008, a nna tona ka puso ya ga Ian Khama go tswa ka 2008 go tsena ka 2009 fa a tlogela palamente. Kokorwe o ne a bereka e le moemedi wa Botswana kwa Zimbabwe go tswa ka 2009 go tsena ka 2014, mme a boela mo polotiking morago ga ditlhopho tsa 2014, fa a ne a nna ene oo atlegileng mo baemeding ba go nna batsamaisa dipuisano.[3][2]

Kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Kokorwe o tsholetswe kwa Cape Town kwa Aforika Borwa,[3] kwa rragwe a neng a bereka teng. O ne a busediwa kwa Botswana fa a le dingwaga tse di lesome, a tsena sekolo se se botlana kwa Thamaga kwa kgaolong ya Kweneng. O ne a fetsa sekolo se segolwane kwa sekolong se go nniwang kwa go sone sa Moeng College kwa Tswapong Hills. Morago ga go tlogela sekolo, Kokorwe a hirwa mo ga Goromente ko a neng a simolola go bereka a thaepa.[3] O ne a tloga a bereka mo maemong a mo ofising a le mmalwa kwa local government, a bereka e le commercial officer kwa Lobatse, e le town clerk kwa Sowa le Gaborone le assistant council secretary kwa Kgatleng District. Morago ga go bereka e le chief training officer kwa local government, a boela kwa kgaolong ya Kgatleng e le moeteledipele.[4][3]

Sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

1994 — 2008[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ditlhopho tsa 1994 tsa sechaba, Kokorwe o ne a tlhophiwa go emela Thamaga kwa palamenteng ele moemedi wa Botswana Democratic Party (BDP) a tlhatlhama Peter Mmusi o a neng e le mothusa tautona wa pele o neng a tlhokafala pele ga ditlhopho.[4] O ne a fetogela kwa kgaolong ya botlhophi ya Kweneng borwa ka ditlhopho tsa 1999, mme a tlhomiwake Tautona Festus Mogae go nna mothusa tona wa Local Government (ka fa tlase ga ga tona Margaret Nasha) .[5] Kokorwe o ne a ntshiwa mo ministring o morago ga ditlhopho tsa 2004 mme a tlhophiwa go nna mothusa molaola dipuisano e le motho wa ntlha wa mme go tsena mo maemong a o.[4] Ka ngwaga wa 2004 kgwedi ya Mopitlo o ne a kgalemelwa ke bagolo ba BDP morago ga go bua phatlalatsa kgang ya gore Louis Nchindo o neng e le moeteledipele wa Debswana Diamond Company a tsenelele dipolotiki. Se se ne se bonwa e le matshosetsi mo bagoging ba pathi.[6][7]

2008 go tsena gompieno[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2008 kgwedi ya Moranang, Kokorwe o ne a tlhophiwa go nna tona wa Youth Sports and Culture[8] mo bathong ba ba neng ba tlhophilwe ke Ian Khama o o neng a tlhatlhama Festus Mogae e le tautona. O ne a bereka e le tona go fitlhelela ka ditlhopho tsa 2009 tse a neng a ithola marapo go tswa kwa palamenteng. [9]Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2008, Kokorwe o ne a nna mopalamente wa ntlha mo Botswana go fetisa molao e le mopalamente o o ikemetseng. Molao wa gagwe, o a neng a o beile pele ga mapalamente, o ne o ikaelela go sireletsa batswasetlhabelo ba kgokgontsho ya selegae.[10] Dikgwedinyana morago ga go tlogela palamente, ka ngwaga wa 2009 kgwedi ya Morule, Ian Khama o ne a tlhoma Kokorwe go nna moemedi wa Botswana kwa Zimbabwe.[8] O ne a berekela kwa Harare, mme gape a letleletswe go berekela kwa Malawi, Mozambique le Mauritius.[11]

Ka ngwaga wa 2014, kgwedi ya Ngwanatsele morago ga ditlhopho tsa 2014, Kokorwe o ne a boela mo polotoking a emetse BDP go lwela maemo a bolaola dipuisano kwa palamenteng. O ne a fenya Margaret Nasha ka ditalama di le masome a mane le bongwe ene a bone tse di masome a mabedi le bongwe, Nasha ene a tlhophilwe ke diphathi tsa kganetso.[12] Nasha e ne e le leloko la BDP, mme ba tlhoka kutlwisisano le tautona Khama.[13] Pele ga kgang ya go nna molaola dipuisano e bewa fa pele ga palamente, go ne go na le ngangisano ya gore a go tlhophiwe ka go buiwa kana ka tlhopho ya sephiri. Puso e ne e ipelaetsa gore tlhopho ya sephiri ga e ka fa molaong, mme kwa kgotla tshekelong ga fitlhelwa e le gore go a letlelesega.[14]

Tlotla[fetola | Fetola Motswedi]

  • Motlotlegi Kokorwe o ne a abelwa seabe sa tlotla sa ga tautona

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Bomme ba batsamaisa dipuisano kwa palamenteng

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Typing her speaker's script". Mmegionline
  2. 2.0 2.1 "100Women | Avance Media | Gladys Kokorwe".Retrieved 2022-05-22.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 "Gladys Kokorwe: a living legend!".2019-08-26.Weekend Post.Retrieved 2022-05-22.
  4. 4.0 4.1 4.2 "Typing her speaker's script", Mmegi Online, 20 April 2007. Retrieved 16 October 2016.
  5. "Botswana gets fifth female cabinet minister", PanaPress, 8 November 2001. Retrieved 16 October 2016.
  6. "Kokorwe Heaps Praises On Nchindo", Mmegi Online, 23 February 2004. Retrieved 16 October 2016.
  7. "Kokorwe steps on big BDP toes", Mmegi Online, 19 March 2004. Retrieved 16 October 2016.
  8. 8.0 8.1 Piet,Bame.2014-06-27."Kokorwe wants to be Speaker".Mmegi Online.Retrieved 2022-05-22.
  9. "Kokorwe still to decide next move", Mmegi Online, 6 October 2009. Retrieved 16 October 2016.
  10. "Kokorwe Leaves After Making History", Mmegi Online, 8 September 2008. Retrieved 16 October 2016.
  11. "Mugabe receives Kokorwe credentials", Mmegi Online, 17 December 2008. Retrieved 16 October 2016.
  12. "Kokorwe is new Speaker", Daily News, 12 November 2014. Retrieved 16 October 2016.
  13. "Khama speaks on Masisi, Tshekedi", Weekend Post, 8 December 2014. Retrieved 16 October 2016.
  14. "Khama loses Nasha battle", Weekend Post, 10 November 2014. Retrieved 16 October 2016.