Gaolese Kent Koma

Go tswa ko Wikipedia

Gaolese Kent Koma e ne e le lepolotiki le mogwebi mo Botswana. O tshotswe ka ngwaga wa 1918 Kgwedi ya Morule e le malatsi a supa, mme a tlhokafala ka ngwaga wa 2006 kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a robabongwe.[1] O ne a nna mopalamente wa motse wa Mahalapye go tswa ka ngwaga wa 1965 go fitlha ka wa 1994.[2]

Kgolo le dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe ka ngwaga wa 1918 Kgwedi ya Morule e le malatsi a supa kwa Shoshong, mme a tloga a fuduga le ba lolwapa lwa gagwe go ya go thibelela kwa kgaolong ya legare la Botswana kwa motseng wa Serowe kwa kgotleng ya Ditlharapeng. Rraagwe e bong Nkgabong Dintwe e ne ele molemi morui e bile e le kgosana. Mmaagwe e bong Gabaetelwe Dintwe Koma e ne e le mmalolwapa o o neng a fetsa nako e ntsi kwa tshimong. Koma ke ngwana wa bofelo mo baneng ba le bane, basimane ba le bararo le mosetsana a le mongwe. E ne ele leloko la mophato wa Malekantwa o o neng o na le dithaka tsa gagwe jaaka Moutlakgola P.K Nwako, Lenyeletse Seretse, Kenneth Koma le Monametsi Chiepe. Fa a ne a santse a le mosimane, Koma o ne a nna kwa morakeng thata a thusa mo thuong ya dikgomo le dihutshane tse dingwe. O simolotse sekolo kwa sekolong sa Central ka ngwaga wa 1930 a le dingwaga di le lesome le bobedi, a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa Khama Memorial. Jaaka e ne e le tlwaelo ka dingwaga tsa tlhaolele kwa Aforika Borwa, o ne a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe tse di kgolwane fa dingwaga tsa di ne di simolola. O ne a ithutela tsa madi le kgwebo kwa sekolong se segolwane sa Endeleni High Institute kwa Pietermaritzburg kwa KwaZulu Natal. O ne a simolola go berekela banka kwa Kapa ka ngwaga wa 1949. E ne ya re ka ngwaga wa 1951 a boela gae kwa Mahalapye go simolola kgwebo ya lolwapa e e neng e bidiwa Koma brothers.[2] E e ne e le lebentlele le le tlhakanetsweng ke ene le bo morwarraagwe le bontsalae, maikaelelo a lone e le go kolotisa beng gae ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Mongwe wa banaleseabe mo kgwebong e e ne e le Kenneth Koma.


O ne a nyala Mable Pinnie Koma o o tshotsweng ka ngwaga wa 1924 mme a tlhokafala ka 2008, o pele a neng a dirisa sefane sa Mpa ka ngwaga wa 1953 kgwedi ya Phalane kwa Mahikeng kwa Aforika Borwa. Ba ne ba kopantswe ke Kenneth Koma kwa Moeng College kwa Bokone botlhaba jwa Botswana.[3] Mable Pinnie Mpa e ne e le mooki ka nako e o kwa Moeng College.

Polotiki[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a tsena mo go tsa polotiki ka ngwaga wa 1955 e bile a le bokopanong jwa ntlha jo bo simolodisitseng Botswana Democratic Party e neng e itsege ka Bechuanaland Democratic Party. Mo bokopanong jo o ne a na le Seretse Khama, Goareng Mosinyi, Lenyeletse Seretse, Moutlakgola P.K Nwako, Quett Masire le ba bangwe. Pele ntsalae Kenneth Koma o ne a kile a leka go mo ngoka gore ba simolole pathi ya bone ya sepolotiki e e tla itsegeng ka leina la Botswana National Front, [4] mme o ne a gana mogopolo o,[5] a simolodisa botsala le Quett Masire, tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana mo ntsalae a neng a nyala kgaitsadie Masire. Tsala ya botlhe e ne ele Lemme Makgekgenene, mopalamente wa pele wa Tonota. Ba ne ba abelana megopolo le ditebelopele ka lefatshe la Botswana. O ne a nna mopalamente wa ntlha wa Mahalapye morago ga boipuso ka ngwaga wa 1965.[6] Fa godimo ga moo o ne a tsaya maemo a go nna modulasetilo BDP wa kgaolo ya legare ka ngwaga wa 1965 go tsena ka wa 1985. O nnile leloko la dikomiti tsa palamente di le dintsi jaaka ya go tshwara madi, ya tsa selegae le tse dingwe.[1] O tsere mesepele ka tsa tiro go ya kwa mafatsheng a sele a akaretsa United States of America (Mexico, Nevada le Florida), la Austria le ditoropo tse dintsi kwa ga mmamosadinyana. Koma o ne a rutuntsha a bo a tsisa maloko a masha mo BDP go akaretsa modulasetilo wa BDP rre Daniel Kwelagobe o a neng a mmitsa setlogolo sa gagwe le mothusa tona ya tsa selegae le ditlhabololo Botlogile Tshireletso. O ne a ithola marapo mo go tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1994 mme Mompati Merafhe a mo tlhatlhama. Koma o ne a eleditse gore a tlhatlhamiwe ke Anna Lesolle, mme o ne a nna le phadisanyo e e mashetla go tswa kwa go Mompati Merafhe.[7]

Fa a setse a godile[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga a tlhokafala, Koma o ne a lwala bolwetse jwa go swa mohama, bo bo mo simolotseng ka ngwaga wa 1997 [8] go fitlhelela a tlhokafala ka 2006. O ne a tswelela ka go nna morui wa dikgomo wa tlhwatlhwa go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 2006, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a robabongwe.

O lemogiwa ka tiro ya gagwe ya go tlhabolola Mahalapye go tswa mo go nneng motsana go nna motse setoropo ka ngwaga wa 1994, ka go aga dikago, ditsela le go fa barui ba ba botlana tshono ya go rekisa.Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola sekolo se se botlana se se ikemetseng sa Montsamaisa kwa Mahalapye, se se neng se amogela banana ba le bantsi ba ba sa dirang sentle mo dithutong tse dibotlana ebile ba sa kgone go boela sekolong. Kwa BDP o ne a bonwa e le mongwe wa ba ba diretseng phathi ka botswapelo ba sa solofele sepe, o nnile le karolo mo go simolodiseng phathi, go kwadisa maloko a masha le go nna mo letsholong la go rekisa phathi mo lefatsheng la Botswana le le neng le apesitswe ke lehuma go fitlhelela a tlogela ka ngwaga wa 1997.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mooketsi,Lekopanye. (14 March 2006)."allAfrica.com: Botswana: BDP Veteran Dies".AllAfrica.com.Retrieved 13 July 2013
  2. 2.0 2.1 "BOPA | 20 March 2006".Archived from the original on 2013-07-30.Retrieved 11 July 2013
  3. "Edward Koma | Who's Who SA".Whoswho.co.za.Retrieved 19 August 2014.
  4. http://www.mmegi.bw/index.phpsid=6&aid=1170&dir=2010/March/Tuesday23%5B%5D
  5. Vetkasi,Vetkasi.19 October 2007."Botswana: The African 'Front' in Perspective".Stswana.blogspot.com.Retrieved 19 August 2014.
  6. "First Parliament of Botswana".(2012). Archived from the original on 23 June 2013.Retrieved 13 July 2013
  7. "Sunday Standard – Online Edition". Archived from the original on 2014-08-20.Sundaystandard.info.Retrieved 19 August 2014.
  8. . Accessmylibrary.com http://www.accessmylibrary.com/article-1G1-143328968/bdp-veteran-dies.html. {{cite web}}: Missing or empty |title= (help)Tempolete:Dl